PESALEMA 126 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Maipelo a go boela gaeSefela sa Ditlhatlogo.

1E rile Jehofa a ba a busa

botshwaro jwa Sione,

ra nna jaaka ba ba lorang.

2Foo molomo wa rona

wa tlala setshego,

le loleme lwa rona lwa tlala go opela;

foo ba bua mo merafeng, ba re:

“Jehofa o ba diretse dilo tse

dikgolo.”

3Jehofa o re diretse dilo tse dikgolo,

tse re di itumelelang.

4Ba o buse botshwaro jwa rona,

Jehofa,

jaaka dinokana tsa kwa Borwa.

5Ba ba jalang ka dikeledi

ba tlaa roba ka boitumelo.

6Le fa motho a ka tswa a tsamaya

a ntse a lela, mme a tshotse peo,

o tlaa ba a tla gape,

dingata tsa gagwe a na natso.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help