ISAIA 45 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa o tlhoma Kurose go nna kgosi

1Jehofa o bua jaana le motlodiwa

wa gagwe,

a raya Kurose, yo letsogo la gagwe

ke le tshegeditseng

go tla ke fenya merafe

fa pele ga gagwe,

mme ke tlaa repisa ditheka

tsa dikgosi;

go tla ke bula mejako

fa pele ga gagwe,

mme dikgoro ga di ketla di tswalwa.

2A re: “Ke tlaa go etelela pele,

ke tlaa papana mafelo

a a makgawekgawe;

ke tlaa thubaganya ditswalo

tsa kgotlho,

ke tlaa pomaganya mephakalego

ya tshipi.

3Ke tlaa go naya mahumo a lefifi,

le dikhumo tse di subegileng

tsa mafelo a a fitlhegileng,

gore o tle o itse fa ke le Jehofa,

yo ke go bitsang ka leina la gago,

yo ke bong Modimo wa Iseraele.

4Ke ka ntlha ya ga Jakobe

motlhanka wa me,

le Iseraele moitshenkedwi wa me,

fa ke go biditse ka leina la gago;

ke go retile,

le fa o ntse o sa nkitse.

5Ke nna Jehofa,

mme ga go na ope o sele;

kwa ntle ga me

ga go na Modimo ope;

ke tlaa go tlama

le fa o ntse o sa nkitse;

6gore ba itse

ba le kwa botlhabatsatsi

le kwa bophirimatsatsi,

fa go se na ope kwa ntle ga me;

ke nna Jehofa,

mme ga go na ope o sele.

7Ke bopa lesedi,

ke bile ke tlhola lefifi;

ke dira kagiso,

ke bile ke tlhola bosula;

ke nna Jehofa,

yo ke dirang dilo tse tsotlhe fela.

8“Dutlang, lona magodimo

kwa godimo,

mme a phuthologo e phike tshiamo;

a lefatshe le nyere,

gore go ungwiwe poloko,

mme a le tlhogise tshiamo mmogo;

nna Jehofa ke di tlhodile.”

Jehofa ke motlhodi wa lobopo le ditso

9 “Ija! A bo go latlhega ene

yo o ganelang le Modiri wa gagwe!

A lobeana mo dipeapeaneng

tsa lefatshe!

A letsopa le tlaa raya yo o le bopang

le re: ‘O bopa eng?’

Kgotsa tiro ya gago, e re:

‘Ga a na diatla.’

10Ija! A bo go latlhega ene

yo o rayang rrangwana, a re:

‘O tsala eng?’ Kgotsa a raya mosadi

a re:

‘O mo pelegong ya eng?’ ”

11Go bua jaana Jehofa,

Moitshepi wa Iseraele

le Modiri wa gagwe; a re:

“Mpotsang ka ga dilo tse di tlang;

ka ga bomorwaake,

le ka ga tiro ya diatla tsa me,

lo bo lo ntaole.

12Nna ke dirile lefatshe,

mme ka tlhola motho mo go lone;

nna e leng diatla tsa me

di phutholotse magodimo,

le masomosomo otlhe a one,

ke nna ke a laotseng.

13Ke mo tsositse mo tshiamong;

mme ke tlaa lolamisa ditsela tsotlhe

tsa gagwe;

o tlaa aga motse wa me,

mme o tlaa lesa bafaladi ba me

ba tsamaye fela,

e seng ka tlhwatlhwa,

le fa e le ka tuelo,”

go bua Jehofa wa masomosomo.

14Go bua jaana Jehofa, a re:

“Matsapa a Egepeto le thoto

e e rekisiwang ya Ethiopia,

le Basabea,

batho ba ba mebele e e godileng

ba tlaa tlolela kwa go wena

ba tlaa nna ba lona;

ba tlaa lo latela;

ba tlaa kgabaganya

ba le mo diketaneng;

ba tlaa wela fa pele ga gago;

ba tlaa go rapela ka mekokotlelo

ba re:

‘Ruri Modimo o mo go wena;

ga go na ope o sele,

ga go na Modimo ope.’ ”

15Ruri, o Modimo

o o tlong o iphitlhe,

wena Modimo wa Iseraele, Mmoloki.

16Ba tlaa tlhajwa ke ditlhong, ee,

ba tlaa sosobaganngwa botlhe fela;

bone ba e leng badiri ba medimo

ya disetwa ba tlaa ya ba tsena

mo mapetepeteng mmogo.

17Iseraele ene o tlaa bolokwa

ke Jehofa,

ka poloka e e sa khutleng;

ga lo ketla lo tlhajwa ke ditlhong,

le fa e le go tseanngwa

ka bosakhutleng.

18Gonne go bua jaana Jehofa

yo o tlhodileng magodimo;

ke ene Modimo;

o o bopileng lefatshe wa le dira;

o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka

wa le tlholela lefela,

wa le bopela go ungwa;

a re: “Ke nna Jehofa,

mme ga go na ope o sele.

19Ga ke a buela mo sephiring,

mo felong ga lefatshe la lefifi;

ga ke a ka ka raya

losika lwa ga Jakobe, ka re:

‘Lo mpatlele lefela;’

nna Jehofa ke bua tshiamo,

ke bolela dilo tse di siameng.”

Modimo wa Iseraele le medimo ya Babilone

20“Phuthegang, lo tle;

atamelang mmogo

lona ba merafe ba lo falotseng;

ga ba na kitso,

bone ba ba rwalang logong

lwa setshwantsho se se setilweng

sa bone, ba rapela modimo

o o sa kakeng wa boloka.

21Bolelang, a go ntshiwe;

ee, a ba gakololane mmogo,

emang yo o supileng selo

se e sa le bogologolo tala?

Emang yo o se boletseng bogologolo?

A ga se nna Jehofa?

Mme ga go na Modimo ope o sele

fa e se nna.

Ke Modimo o o tekatekanyo

ke bile ke mmoloki;

ga go na ope kwa ntle ga me.

22Lebang kwa go nna,

lo bolokwe lona lotlhe

dikhutlo tsa lefatshe;

gonne nna ke Modimo,

mme ga go na ope o sele.

23 Ke ikanne ka nna ka nosi,

lefoko le dule mo molomong wa me

mo tshiamong,

mme ga le ketla le boa, la go re:

‘Mangole otlhe a tlaa nkhubamela,

le diteme tsotlhe di tlaa ikana ka nna.’

24“Motho o tlaa nthaya a re:

Mo go Jehofa a le esi

go tshiamo le thata;

le kwa go ene batho ba tlaa ya,

le botlhe ba ba kileng

ba ne ba mo gakaletse

ba tlaa tlhajwa ke ditlhong.

25Jehofa ke ene

yo losika lotlhe lwa Iseraele

lo tlaa siamisiwang mo go ene,

lo ba lo kgantsha ka ene.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help