JOŠUA 16 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lefatshe le le neilweng Eferaime le Manase

1Kabelo ya taolelo ya bana ba ga Josefe, ya tloga mo Joretane fa Jeriko, fa metsing a Jeriko, ntlheng ya botlhabatsatsi, e bong mo nageng, ya tlhatloga ka Jeriko e ralala lefatshe la makgabana e leba kwa Bethele;

2ya tswa Bethele ya leba Luse, ya kgabaganyetsa kwa molelwaneng wa Baareke, go ya kwa Atarothe;

3ya fologela ntlheng ya bophirimatsatsi, ya ya kwa molelwaneng wa Bajafelete, kwa molelwaneng wa Bethehorone o o kwa tlase, e bong kwa Gesere; mme mafelelo a molelwane a nna mo lewatleng.

4Mme bana ba ga Josefe, e bong Manase le Eferaime, ba tsaya boswa jwa bone.

Lefatshe la Eferaime

5Molelwane wa bana ba ga Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone wa nna jaana: e bong molelwane wa boswa jwa bone ntlheng ya botlhabatsatsi, ya nna: Atarothe-atare, go ya kwa Bethehorone o o godimo.

6Molelwane wa tswela ntlheng ya bophirimatsatsi fa Mikemethathe ntlheng ya botsheka; molelwane wa menogela ntlheng ya botlhabatsatsi wa ya kwa Taanate-šilo, wa feta ka gone o isa bopota Janoa ntlheng ya botlhabatsatsi ga Janoa;

7wa tswa Janoa wa fologela kwa Atarothe, le kwa Naara, wa fitlha kwa Jeriko, wa khutla mo Joretane.

8Go tswa Tapua molelwane wa tswela ntlheng ya bophirimatsatsi kwa molatswaneng wa Kana; mafelelo a one a nna mo lewatleng. Jo ke jone boswa jwa lotso lwa bana ba ga Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone;

9bo pataganye le metse e e lomololetsweng bana ba ga Eferaime mo gare ga boswa jwa bana ba ga Manase, metse yotlhe le metsana ya yone.

10 Mme ba se ka ba leleka Bakanana ba ba neng ba agile mo Gesere; Bakanana ba aga mo gare ga Eferaime nako e se le eno, ba tswa batlhanka ba go dira se ba se laolwang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help