1 “Go tlaa dirala gore fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, Jehofa Modimo wa gago o tlaa go baya kwa godimo go feta merafe yotlhe ya lefatshe;
2masego a otlhe a tlaa tla mo go wena, a go fitlhela, fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago.
3“O tlaa nna sego mo motseng, o tlaa nna sego mo nageng.
4“Loungo lwa mmele wa gago lo tlaa segofala, le loungo lwa lefatshe la gago, le loato lwa dikgomo tsa gago, e bong loato lwa dikgomo tsa gago, e bong loato lwa dikgomo tsa gago tse dinamagadi, le loonyana lwa matsomane a gago.
5“Seroto sa gago se tlaa segofala, le mogopo wa gago wa bodubelo.
6“O tlaa segofala o goroga, o ba o segofala o bolola.
7“Baba ba gago ba ba go tsogologelang, Jehofa o tlaa dira gore ba kgemethwe fa pele ga gago; ba tlaa go bololela ka tsela e le nngwe fela, mme ba tlaa tshaba fa pele ga gago ka ditsela di supa.
8“Jehofa o tlaa go laolela tshegofatso mo mabolokelong a gago, le mo go tsotlhe tse o di bayang seatla; o tlaa go segofatsa mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.
9“Jehofa o tlaa go itlhomamisetsa go nna tšhaba e e boitshepo, jaaka a go ikanetse; fa o tshegetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, o ba o sepela mo tseleng tsa gagwe.
10Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa bona fa o bidiwa ka leina la ga Jehofa; mme di tlaa go boifa.
11Jehofa o tlaa go ntsifaletsa mo go molemo, mo loumong lwa mmele wa gago, mo loatong lwa dikgomo tsa gago, le mo loungong lwa lefatshe la gago, mo lefatsheng le Jehofa o ikanetseng borraeno, a re o tlaa le go naya.
12Jehofa o tlaa go bulela polokelo ya gagwe e e molemo, e bong legodimo, go nesa pula ya lefatshe la gago mo lobakeng lwa yone, le go segofatsa tiro yotlhe ya diatla tsa gago; o tlaa adima merafe e le mentsi, mme wena ga o ketla o adima mo go ope.
13Jehofa o tlaa go dira tlhogo, e seng mogatla, o tlaa nna kwa godimo go le gosi, ga o ketla o nna kwa tlase; fa o reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, tse ke di go laolelang gompieno, o di tlhokomela o di dira,
14o sa fapoge mafoko ape a ke a go laolelang gompieno, go ya ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema, o latelela medimo e sele go tla o e direla.
Dipetso fa go tlolwa melao(Lef 26:14-46)15“Mme fa o gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, diphutso tse tsotlhe di tlaa go wela, di go tshwara.
16“O tlaa hutsega mo motseng, o tlaa hutsega mo nageng.
17“Go tlaa hutsega seroto sa gago, le mogopo wa gago wa bodubelo.
18“Go tlaa hutsega loumo lwa mmele wa gago, le loungo lwa lefatshe la gago, le loato lwa dikgomo tsa gago, le loonyana lwa letsomane la gago.
19“O tlaa hutsega o goroga, o tlaa hutsega o bolola.
20“Jehofa o tlaa go tlisetsa phutso, le pheretlhego, le kgalemo mo go tsotlhe tse o tlaa di bayang diatla go di dira, go tsamaya o senngwa, le go tsamaya o nyelela ka bonako; ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa gago, tse o ntatlhileng ka tsone.
21Jehofa o tlaa dira gore kgogodi e go ngaparele, go tsamaya a go nyeleletsa ruri mo lefatsheng, kwa o yang go tsena teng o ya go le rua.
22Jehofa o tlaa go laila ka tlhorego, le ka botlhoko jwa letshoroma, le ka phisego, le ka tutumo e e molelo, le ka tšhaka, le ka tshubego yo bolemo, le ka mokubo; mme dilo tse di tlaa go konatelela go tsamaya o nyelela.
23Legodimo la gago le le go okameng le tlaa nna kgotlho fela, le lefatshe le o le gatang le nne tshipi fela.
24Jehofa o tlaa dira pula ya lefatshe la gago gore e nne loupa le lorole fela; lo tlaa go nela lo tswa legodimong, go tsamaya o senyega.
25“Jehofa o tlaa dira gore o kgemethwe fa pele ga baba ba gago; o tlaa ba bololela ka tsela e le nngwe fela, o tlaa tshaba fa pele ga bone ka ditsela di supa; o tlaa akgaakgelwa kwa le kwa mo gare ga magosi a lefatshe.
26Setoto sa gago se tlaa nna dijo tsa dinonyane tsotlhe tsa loapi, le tsa dibatana tsa lefatshe, ga go ketla go dira le ope yo o di tshosang.
27Jehofa o tlaa go itaya ka diso tsa Egepeto, le ka ditlhagala, le ka sekwapi, le ka makgophe, e le dilo tse o sa kakeng wa fodisiwa mo go tsone.
28Jehofa o tlaa go itaya ka botsenwa, le ka bofofu, le ka tseano ya pelo;
29o tlaa apaapa motshegare jaaka sefofu se tle se apaapa mo lefifing; ga o ketla o tlhogonolofala mo tseleng tsa gago; o tlaa nna o bogisiwa fela, o thopiwa ka metlha yotlhe, ga go nke go nna ope yo o go thusang.
30“O tlaa beelela mosadi, mme monna o sele o tlaa lala nae; o tlaa aga ntlo, mme ga o ketla o nna mo go yone; o tlaa tlhoma tshimo ya mafine,
31Kgomo ya gago e tlaa tlhajwa fa pele ga matlho a gago, mme ga o ketla o e ja; esela ya gago e tlaa phamolwa ka thata fa pele ga sefatlhogo sa gago, mme ga o ketla o e rebolelwa; dinku tsa gago di tlaa newa baba ba gago, mme ga go nke go nna ope yo o go thusang.
32Bana ba gago ba basimane le ba basetsana ba tlaa newa batho ba sele, matlho a gago a tlaa nna a sa le a leba, mme a tlaa kalega ka go tlhola o ba tlhologeletswe motshegare otlhe; mme ga go ketla go nna le sepe se se mo thateng ya seatla sa gago.
33Loungo lwa lefatshe la gago, le matsapa otlhe a gago, morafe o o sa o itseng o tlaa go ja gotlhe fela; wena o tlaa bogisiwa fela o pitlwa ka metlha yotlhe.
34O tlaa tsentshiwa ke go bona mo o tlaa go bonang ka matlho a gago.
35Jehofa o tlaa go itaya mo mangoleng, le mo maotong ka seso se se botlhoko se o sa kakeng wa fodisiwa mo go sone, go tswa mo patong ya lonao go ya kwa phogong.
36“Jehofa o tlaa go isa le kgosi e o tlaa e ipeelang, a go isa kwa morafeng o o sa o itseng, wena le fa e le borraeno; o tlaa direla medimo e sele gone, ya logong le ya lentswe.
37O tlaa tswa kgakgamatso, le seane, le setlhajwa difela mo ditšhabeng tsotlhe tse Jehofa o tlaa go gogelang kwa go tsone.
38“O tlaa rwalela peo e le kgolo kwa bolemong, mme o rorele bobotlana kwa gae, gonne tsie e tlaa e bilatsa fela.
39O tlaa tlhoma masimo a mafine, o a baakanya, mme ga o ketla o nwa bojalwa le fa e le go ja loungo lwa mofine; gonne seboko se tlaa di ja.
40O tlaa nna le ditlhare tsa matlhware mo lefatsheng lotlhe la gago, mme ga o ketla o tlola lookwane, gonne motlhware wa gago o tlaa tlhotlhorega loungo lwa one.
41O tlaa tshola bana ba basimane le basetsana, mme ga ba ketla ba nna ba gago, gonne ba tlaa ya botshwarong.
42Tsie e tlaa ja ditlhare tsotlhe tsa gago le loungo lwa lefatshe la gago.
43“Moeng yo o mo go wena o tlaa nna a palamela godimodimo ga gago a ntse a ya kwa godimo fela, wena o tlaa nna o ya kwa tlase.
44Ene o tlaa go adima, mme ga o ketla o adima ene; ene o tlaa nna tlhogo, wena o nne mogatla.
45“Diphutso tse tsotlhe di tlaa tla mo go wena, di tlaa go konatelela di go tshwara go tsamaya o senngwa, ka o se ka wa reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tshegetsa ditaolo tsa gagwe le ditao tsa gagwe tse o di go laoletseng.
46Di tlaa nna mo go wena e le sesupo, le segakgamatso, le mo losikeng lwa gago ka bosakhutleng.
47“Ka o se ka wa direla Jehofa Modimo wa gago ka boitumelo, le ka boipelo jwa pelo, ka ntlha ya letlotlo la dilo tsotlhe,
48ke gone ka moo o tlaa direlang baba ba gago, ba Jehofa o tlaa ba go tsosetsang, o ba direla mo tlaleng, le mo lenyoreng, le mo bosaikategang, le mo botlhokweng jwa dilo tsotlhe; mme o tlaa baya jokwe ya tshipi mo thamong ya gago go tsamaya a go senya.
49Jehofa o tlaa go reololela morafe o o tswang kgakala, o tswa kwa bokhutlong jwa lefatshe, jaaka ntswi yo motona a tla a fofe; e le morafe o loleme lwa one o sa lo tlhaloganyeng;
50e le morafe o o sefatlhogo se se bogale, o o se ketlang o tlhokomela botho jwa motsofe, le fa e le go rekegela ba ba nana.
51O tlaa ja loato lwa dikgomo tsa gago, le loungo lwa lefatshe la gago, go tsamaya o senngwa; e le morafe o o se ketlang o tlogela mabele, le fa e le bojalwa, le fa e le lookwane, le fa e le loato lwa dikgomo, le fa e le loonyana lwa letsomane la gago, go tsamaya o go fedisa.
52O tlaa go tlhasela ka dikgoro tsotlhe tsa gago, go tsamaya dithako tsa gago tse di godileng le tse di thata, tse o di ikanelang, di salalagana mo lefatsheng lotlhe la gago; o tlaa go tlhasela ka dikgoro tsotlhe tsa gago mo lefatsheng lotlhe la gago le Jehofa Modimo wa gago o le go neileng.
53“O tlaa ja loumo lwa mmele wa gago tota, nama ya bana ba gago ba basimane le ba basetsana, ba Jehofa Modimo wa gago o ba go neileng; mo tlhaselong le mo pitlaganong e baba ba gago ba tlaa go pitlaganyang ka yone.
54Monna wa seitlotli mo go lona, le yo o masisi thata, leitlho la gagwe le tlaa sulafalela morwa rraagwe, le mosadi wa gagwe yo o nnang mo sehubeng sa gagwe, le masalela a bana ba gagwe ba ba mo saletseng.
55Ke go re, ga a ketla a naya ope wa bone nama ya bana ba gagwe ba o tlaa ba jang, ka a sa salelwa ke sepe; go tewa mo tlhaselong le mo pitlaganong e mmaba wa gago o tlaa go pitlaganyang ka yone, ka dikgoro tsotlhe tsa gago.
56Mosadi wa seitlotli, le yo o masisi mo go lona, yo o ne a sa kake a leka go baya lonao lwa gagwe fa fatshe ka ntlha ya bosisi le boitlotlo, leitlho la gagwe le tlaa sulafalela monna wa gagwe yo o nnang mo sehubeng sa gagwe, le morwawe, le morwadie;
57 le motlhana wa gagwe o o tswang mo gare ga dinao tsa gagwe, le bana ba gagwe ba o tlaa ba tsalang; gonne o tlaa ba jesediwa mo sephiring ke go tlhoka dilo tsotlhe, mo tlhaselong le mo pitlaganong e mmaba wa gago o tlaa go pitlaganyang ka yone ka dikgoro tsa gago.
58“Fa o sa tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o, a a kwadilweng mo lokwalong lo, gore o boife leina le le galalelang, le le le boitshegang le, e bong JEHOFA MODIMO WA GAGO;
59foo Jehofa o tlaa dira dipetso tsa gago di nna kgakgamatso, le dipetso tsa losika lwa gago, e bong dipetso tse dikgolo tse di emeng ka boleele, le malwetse a a botlhoko a a emang ka boleele.
60O tlaa go reololela gape malwetse otlhe a Egepeto, a o ne o a boifa; mme a tlaa go ngaparela.
61Le gone botlhoko bongwe le bongwe, le sebetso sengwe le sengwe se se sa kwalwang mo lokwalong lwa molao o, Jehofa o tlaa di lere mo go wena, go tsamaya o senngwa.
62Lo tlaa tlogelwa lo le babotlana mo palong, le mororo lo ne lo ntse jaaka dinaledi tsa legodimo ka bontsi; gonne ga o a ka wa reetsa lentswe la Jehofa Modimo wa gago.
63Go tlaa dirala, go re, jaaka Jehofa a ne a lo itumelela go lo direla molemo, le go lo ntsifatsa; Jehofa o tlaa lo itumelela jalo go lo nyeletsa, le go lo senya; mme lo tlaa khumolelwa koo mo lefatsheng le o tsenang kwa go lone o ya go le rua.
64“Jehofa o tlaa go gasamisetsa le ditšhaba tsotlhe, go tswa kwa sekhutlong sengwe sa lefatshe, go ya kwa sekhutlong se sengwe sa lefatshe; mme o le koo o tlaa direla medimo e sele, e o iseng o e itse, wena le fa e le borraeno, e bong medimo ya logong le lentswe.
65Mme o le koo gare ga merafe eo, ga o ketla o bona boiketlo bope, ga go ketla go nna boikhutso jwa lonao lwa gago, Jehofa o tlaa go naya gona pelo e e roromang, le kalego ya matlho, le go serega ga mowa.
66Botshelo jwa gago bo tlaa akgega mo pelaelong fa pele ga gago; o tlaa boifa bosigo le motshegare, ga o ketla o dira le tsholofetso epe ya botshelo jwa gago.
67O tlaa re go le ka moso, o re: ‘A bo go ka bo go le maitseboa!’ E re maitseboa, o re: ‘A bo e ka bo ne ne go le ka moso!’ Ka ntlha ya poifo ya pelo ya gago e o e boifang le ka ntlha ya pono ya matlho a gago e o e bonang.
68Jehofa o tlaa ba a go isa kwa Egepeto ka dikepe, ka tsela e ke go reileng ka ga yone, ka re: ‘Ga o ketla o tlhola o e bona gope,’ mme lo tlaa rata go ipapatsa gone mo babeng ba lona, go nna batlhanka le malata; mme ga go ketla go nna le motho ope yo o tlaa lo rekang.”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.