DUTERONOME 23 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Bao ba ba sa tshwanelang go tsena mo phuthegong

1“Yo o ntshitsweng ntho mo lesotlhong, kgotsa yo o kgaotsweng lepele, a a se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa.

2Ngwana wa dikgora a se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa; le go ya kwa kokomaneng ya bosome go se nne ope wa gagwe yo o tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.

3 “Moamone kgotsa Momoabe a ba se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa; le fa go ile kwa kokomaneng ya lesome go se tsene ope yo e leng wa bone mo phuthegong ya ga Jehofa, le ka bosakhutleng,

4 gonne ga ba a ka ba lo kgatlhantsha ka dijo le metsi mo tseleng, jale ka lo tswa Egepeto; le gonne ba ne ba go thapela Balaame morwa Beore wa kwa Pethore wa Mesopotamia ka tuelo, gore a tle go go hutsa.

5 Le fa go ntse jalo Jehofa Modimo wa gago a gana go reetsa Balaame; Jehofa Modimo wa gago a go fetolela phutso tshegofatso, gonne Jehofa Modimo wa gago o na a go rata.

6O se ka wa batla gore ba nne kagiso, le fa e le gore ba tlhogonolofale ka malatsi otlhe a gago ka bosakhutleng.

7“O se ka wa tlhoa Moetome, gonne ke ngwana wa ga rraeno. O se ka wa tlhoa Moegepeto, gonne o ne o le moeng mo lefatsheng la gagwe.

8Bana ba kolomana ya boraro ba ba ba tsholang ba ka tsena mo phuthegong ya ga Jehofa.

Go dira bophepa jwa bothibelelo jwa batlhabani

9“Fa o bololela baba ba gago o le tlhaolele, foo o ithibe mo go sengwe le sengwe se se bosula.

10Fa go na le monna mongwe mo go lona yo o itshekologileng ka ntlha ya sengwe se o tsogang se mo diralela bosigo, foo a a tswele kwa ntle ga bothibelelo, a a se tsene mo teng ga bothibelelo;

11mme go dirale gore fa go tsena maitseboa a a tlhape ka metsi, mme e tlaa re letsatsi le phirima, a tsene mo teng ga bothibelelo.

12“Le gone o dire le felo gongwe kwa ntle ga bothibelelo, kwa go tlaa iwang ntle gone.

13Mo dibolaong tsa gago o tseye phang; mme go dirale gore fa o ile ntle, o epe ka yone, mme o retologe o bipe mantle a gago.

14Gonne Jehofa Modimo wa gago o sepela mo gare ga bothibelelo jwa gago, go go golola, le go go neela baba ba gago fa pele ga gago; ke gone ka re: ‘A bothibelelo jwa gago bo nne boitshepo, gore a tle a se ka a bona sepe se se leswe mo go wena, mme a go hularela.’

Melao e mengwe

15“Motlhanka yo o tshabetseng mong wa gagwe kwa go wena, o se ka wa mo neela mong wa gagwe.

16A a age nao, mo gare ga gago, mo felong fa o tlaa go itshenkelang mo teng ga kgoro nngwe ya gago, kwa go mo kgatlhang bogolo gone. O se ka wa mo patika.

17 “A go se nne seaka sepe sa bomorwadia Iseraele, le gone, a go se nne mosotoma wa bomorwa Iseraele.

18O se ka wa isa madi a a thapileng seaka, le fa e le tuelelo ya ntša, mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa gago; gonne dilo tseo tsoo pedi di makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.

19 “O se ka wa adima ngwana wa ga rraeno ka go lopa kokeletso; koketso ya madi, koketso ya dijo, kgotsa koketso ya sengwe fela se se tleng se adingwe ka go lopa kokeletso.

20Wa tšhaba ene, o ka mo adima ka go lopa kokeletso; mme ngwana wa ga rraeno ene, o se ka wa mo adima ka go lopa kokeletso, gore Jehofa Modimo wa gago a go segofatse mo go tsotlhe tse o di bayang seatla, mo lefatsheng le o tsenang mo go lone o ya go le rua.

21 “E re mogang o ikanelang Jehofa Modimo wa gago ka ikano, o se ka wa nna bonya go e lefa, gonne ruri Jehofa Modimo wa gago o tlaa e batla mo go wena; mme e ne e tlaa nna boleo mo go wena.

22Fa o ka ikgogona go ikana, e tlaa bo e se boleo mo go wena.

23Se se duleng mo molomong wa gago o se tlhokomele go se dira, ka fa o ikanetseng Jehofa Modimo wa gago ka gone, ke tshupelo ya peleego e o e tlhomamisitseng ka molomo wa gago.

24“E re o tsena mo tshimong ya mofine ya wa gaeno, foo o ka ja loungo lwa mofine o kgora ka fa o ratang ka gone, mme o se ka wa tsenya sepe mo tokelong ya gago.

25E re fa o tsena mo mabeleng a a emeng a motho wa gaeno, foo o ka roba diako ka seatla sa gago; o se ka wa ota thipa mo mabeleng a motho wa gaeno.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help