BAROMA 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Jalo Mojuta o na le kgaiso ya eng? Kgotsa thuso ya go rupa ke eng?

2Ke e kgolo ka ntlha tsotlhe; sa ntlha mantswe a Modimo a ne a bewa mo tisong ya bone.

3Gonne e bo e le eng, le fa bangwe ba ne ba se na tumelo? A go tlhoka tumelo ga bone go tlaa nyeletsa boikanngo jwa Modimo?

4 A go se tualo; ee, bogolo a Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe a le moaki; jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o siamisiwe mo mafokong a gago, le gore o fenye mogang o tlang mo tshekong.”

5Fa tshiamololo ya rona e bonatsa tshiamo ya Modimo re tlaa reng? A Modimo o tshiamololo fa o kgopholola ka bogale? Ke bua ka fa mokgweng wa batho.

6A go se tualo; gonne fa go ne go ka nna jalo, Modimo o tlaa atlhola lefatshe jang?

7Fa boammaaruri jwa Modimo bo totafaletse kgalalelo ya one ka kako ya me, ana nna ke ka bo ke sa ntse ke sekisediwang jaaka moleofi?

8Ga re direleng bosula, gore molemo o dirafale? Jaaka re tle re patelediwe, le jaaka bangwe ba tle ba re, re bua jalo. E le ba tshekiso ya bone e siameng.

Ga go ope yo o siameng

9Jaana go ka tweng? A re a ba gaisa? Nnyaa, le fa e le mo gonnyennye; gonne, go le Bajuta, go le Bagerika, re ba kaile gale gore ba mo thateng ya boleo botlhe fela;

10 jaaka go kwadilwe ga twe:

“Ga go ope yo o siameng,

le fa e le yo mongwe fela;

11ga go ope yo o tlhaloganyang,

ga go ope yo o batlang Modimo;

12ba fapogile botlhe,

ba tlhobosegile mmogo;

ga go ope yo o dirang molemo,

le fa e ka bo e le yo mongwe fela.

13 Memetso ya bone

ke phupu e e atlhameng;

ba bua tsietso

ka diteme tsa bone.”

“Botlhoko jwa dinoga

bo mo dipounameng tsa bone.”

14 “Melomo ya bone e tletse

thogakano le bogalaka.”

15 “Dinao tsa bone

di fefogela go tsholola madi;

16tshenyego e mo tseleng tsa bone

le lehuma;

17mme tsela ya kagiso

ga ba ise ba ke ba e itse.”

18 “Ga go na poifo epe ya Modimo

fa pele ga matlho a bone.”

19Jaana re a itse fa dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le ba ba fa tlase ga molao; gore molomo mongwe le mongwe o thibale, le gore lefatshe lotlhe le bewe mo tshekisong ya Modimo.

20 Gonne ga go nama epe e e tlaa siamisiwang mo matlhong a one ka ditiro tsa molao; gonne kitso ya boleo e tla ka molao.

Tshiamo ka tumelo e seng ka molao

21Gompieno go bonetse tshiamo nngwe ya Modimo kwa ntle ga molao, e supilwe ke molao le baperofeti;

22 e bong tshiamo ya Modimo e e tswang mo go dumeleng mo go Jesu Keresete, e tla mo go botlhe ba ba dumelang; gonne ga go na tlhaolo.

23Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo;

24mme ba siamisiwa fela ka tshegofatso ya one, ka ntlha ya thekololo e e mo go Keresete Jesu;

25yo Modimo o mmeileng go nna seletlanyo, ka tumelo, ka madi a gagwe, gore a supe tshiamo ya one, ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng gale, ka boiphapaanyo jwa Modimo.

26Ka re, gore a supe tshiamo ya one mo motlheng ono; gore one o tle o nne tshiamo, o bo o nne mosiamisi wa yo o nang le tumelo mo go Jesu.

27Jaana ipelafatso e kae? E tswaletswe kwa ntle. Ka molao o o ntseng jang? A ke wa ditiro? Nnyaa: mme ke ka molao wa tumelo.

28Ke gone re re, motho o siamisiwa ka tumelo, kwa ntle ga ditiro tsa molao.

29Kgotsa a Modimo ke Modimo wa Bajuta ba le bosi? A ga se Modimo le wa Baditšhaba le bone? Ee, wa Baditšhaba le bone.

30 Ke raya fa Modimo o le o mongwe fela, le ba ba rupileng, fa o tlaa ba siamisa ka tumelo, fela jaaka ba ba sa rupang, o tlaa ba siamisa ka tumelo.

31Mo a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? A go se tualo; nnyaa, molao re a o tlhomamisa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help