EKESODO 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Moše le Arone ba tla fa pele ga kgosi Faro

1Morago ga mo Moše le Arone ba tla ba raya Faro ba re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana wa re: ‘Lesa batho ba me ba tsamaye ba ye go ntirela modiro kwa nageng.’ ”

2Faro a re: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe ka lesa Baiseraele ba tsamaya? Ga ke itse Jehofa, gape ga nketla ke lesa Baiseraele ba tsamaya.”

3Ba re: “Modimo wa Bahebere o kopanye le rona; re a go rapela, a ko o mme re ye loeto lwa malatsi a le mararo kwa nageng, re ye go isetsa Jehofa Modimo wa rona tlhabelo, e se re gongwe a re wela ka kgogodi le fa e le ka tšhaka.”

4Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Ana lona Moše le Arone lo repisetsang batho mo ditirong tsa bone? Tlogang lo ye kwa merwalong ya lona.”

5Faro a re: “Bonang, jaanong batho ba lefatshe ba bantsi, mme lona lo ba diela merwalo ya bone.”

6Faro a laola bagobagobetsi ba batho ka tsatsi leo, le maotlana a bone a re:

7“Lo se ka lwa tlhola lo naya batho lotlhaka jaaka gale go dira setene; a ba ye go ipatlela lotlhaka.

8Palo ya setene e ba ntseng ba e dira gale lo tlaa nna lo e lopa mo go bone fela; lo se ka lwa e ngotla gope; gonne ba bodufetse; ke gone ba goang ba re: ‘Re lese re ye go isetsa Modimo wa rona tlhabelo.’

9A tiro e ketefalediwe banna bao gore ba dire mo go yone, mme ba se tlhokomele mafoko a maaka.”

10Bagobagobetsi ba batho ba tswa le maotlana a bone, mme ba bua le batho ba re: “Faro o bua jaana a re: ‘Ga nketla ke lo naya lotlhaka.

11A go tsamayeng lona lo ye go tsaya lotlhaka kwa lo ka lo bonang gone; fela tiro ya lona ga e ketla e fokodiwa gope.’ ”

12Jalo batho ba phatlalala le lefatshe lotlhe la Egepeto ba kokoanya dirite mo boemong jwa lotlhaka.

13Bagobagobetsi ba bo ba ba potlakisa ba re: “Dirang ditiro tsa lona tse di tletseng, e bong tsa selekanyo sa letsatsi le letsatsi jaaka gale lotlhaka lo sa ntse lo le gone.”

14Maotlana a bana ba Iseraele a bagobagobetsi ba ga Faro ba a tlhomileng mo go bone a bediwa, a rewa ga twe: “Ana go ntse jang ka lo sa dira tiro e e tletseng maabane le gompieno, ka go dira setene jaaka gale?”

15Foo maotlana a bana ba Iseraele a tla ka selelo kwa go Faro a re: “O direlelang batlhanka ba gago jalo?

16Ga go na lotlhaka lo lo newang batlhanka ba gago, mme ba re raya ba re: ‘Dirang setene;’ mme batlhanka ba gago re a bediwa le fa ntswa molato one o le mo bathong ba gago.”

17Mme ene a re: “Lo bobodu, lo bobodu! Ke gone ka mo lo reng: ‘Re lese re ye go isetsa Jehofa tlhabelo.’

18Ke gone yang, lo dire jaanong jaana; gonne ga lo ketla lo newa lotlhaka lope, le fa go ntse jalo, palo ya setene lo tlaa e ntsha fela.”

19Maotlana a bana ba Iseraele a ne a bona fa go le bosula mo go bone, ka go tulwe: “Lo se ka lwa fokotsa sepe mo seteneng mo tirong ya letsatsi le letsatsi.”

20A kopana le Moše le Arone ba eme fa tseleng, a tswa kwa go Faro:

21A ba raya a re: “A Jehofa a lo lebe, a atlhole, ka gobo lo dirile gore lonko lwa rona lo nkge sebodu mo matlhong a ga Faro le mo matlhong a batlhanka ba gagwe, go tla lo ba tsenya tšhaka mo seatleng go re bolaya.”

Moše o tlisa dingongorego fa pele ga Jehofa

22Moše a boela kwa go Jehofa a re: “Morena, o direletseng batho ba bosula? O no o nthomelang?

23Gonne e sa le jaaka ke tla mo go Faro go bua ka leina la gago, o ntse a direla batho ba bosula fela; le gone ga o a golola batho ba gago gope.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help