JOBE 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elifase

1“A ko o bitse jaana;

a go na le mongwe

yo o tlaa go arabang?

O tlaa retologela kwa go ofe

wa baitshepi?

2Gonne tshwenyego

e tle e bolaye motho yoo bonyana,

le lefufa le bolaye seeleele.

3Ke bonye ba ba dieleele

ba mela metswe,

ka hutsa boago jwa gagwe

ka tshoganetso.

4Bana ba gagwe ba kgakala

le polokego,

ba tle ba pitlwe mo kgorong,

le gone go se na ope

yo o ba gololang.

5Ba ba bolawang ke tlala

ba je thobo ya bone,

ba ba ba e ntshe le mo teng

ga mitlwa;

e bile seru se atlhametse

thoto tsa bone.

6Gonne patiko ga e tswe mo loroleng

le khuduego ga e tlhoge mo mmung;

7motho o tsaletswe khuduego

jaaka ditlhase tsa molelo

di tle di thunyetse kwa godimo.

8Mme ka ga me,

ke rata go batlela kwa Modimong;

ke rata go neela Modimo

mafoko a me a tsheko;

9o o dirang dilo tse dikgolo

le tse di se nang bokankabetso,

dilo tse di gakgamatsang,

tse di se nang palo.

10O o nesang pula mo lefatsheng,

o tlise metsi mo nageng,

11jalo o beye kwa godimo

bone ba ba kwa tlase;

ba ba hutsafalang

ba golelediwe mo polokegong.

12O tle o tsupuetse ditogamaano

tsa maferefere,

jalo diatla tsa bone di retelelwe

ke go dirafatsa maikaelelo a bone.

13 O tle o tshware matlhale

mo boferefereng jwa bone;

le kgakololo ya ba ba lesoko

e goromelediwe koo.

14Ba tle ba kgatlhane le lefifi

go le motshegare,

ba apaape go le motshegare

jaaka mo bosigong.

15O tle o golole mo tšhakeng

ya molomo wa bone,

e bong motlhoki mo seatleng

sa mothati.

16Jalo mohumanegi

a nne le tsholofelo,

boikepo bo ithibe molomo.

17 Bona, go sego motho

yo Modimo o mo omanyang;

ke gone o se ka wa nyatsa

kwatlhao ya Mothatayotlhe.

18 Gonne o a tle a tlhokofatse,

mme a itse go fapa;

a ntshe ntho,

mme diatla tsa gagwe di fodise.

19O tlaa go golola

mo dikhuduegong di le thataro;

ee, mo go di supa,

ga go bosula bope

jo bo tlaa go amang.

20E tlaa re mo mosweleng

a go golole mo losung;

le mo ntweng a go golole

mo thateng ya tšhaka.

21O tlaa subelwa go betsa ga loleme;

le gone ga o ketla o boifa

tshenyego mogang e tlang.

22O tlaa tshega tshenyego le borole;

le gone ga o ketla o boifa dibatana

tsa lefatshe.

23Gonne o tlaa bo o na le kgolagano

le maje a naga; le dibatana tsa naga

di tlaa nna kagiso nao.

24O tlaa itse fa mogope wa gago

o le mo kagisong;

o tlaa ya go tlhola lesaka la gago,

mme ga o ketla o tlhoka sepe.

25O tlaa ba o itse

fa losika lwa gago lo tlaa nna logolo,

le go re lotsalo lwa gago

lo tlaa nna jaaka bojang jwa lefatshe.

26O tlaa fitlha mo phupung ya gago

o le botsofe jo bo tletseng jaaka

mokoa wa mabele o tle o fitlhe

ka o e leng motlha wa one.

27Bona se, re se kheleisitse,

mme se ntse jalo;

o se utlwe, o bo o se itse,

gore se nne molemo mo go wena.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help