MATHAIO 16 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Batho ba batla sesupo(Mar 8:11-13; Luke 12:54-56)

1 Bafarisai le Basadukai ba tla, ba mo lopa gore a ba supetse sesupo se se tswang legodimong, mme ba bo ba mo lalela.

2Mme a ba fetola a re: “E a re fa go le maitseboa, lo a tle lo re: ‘Go tlaa tsoga go sele; ka legodimo le le lehibidu.’

3E re ka moso lo re: ‘Go tlaa tsoga go sele; ka legodimo le le lehibidu le bontsho.’ Lo itse go lemoga ponalo ya legodimo; mme lo palelwa ke go re metlha e kaela kae

4 Losika lo lo bosula, le lwa boaka, lo batla sesupo; mme ga lo ketla lo newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona.” Mme a ba tlogela a tsamaya.

Sebediso sa Bafarisai le Basadukai(Mar 8:14-21)

5Barutwa ba fitlha kwa moseja, mme ba bo ba lebetse go tsaya dinkgwe.

6 Mme Jesu a ba raya a re: “Tlhokomelang, lo bo lo itise mo sebedisong sa Bafarisai le Basadukai.”

7Mme ba tseisanya kgang ba re: “Ke ka gobo re se ka ra tsaya senkgwe.”

8Jesu ka a lemoga a re: “Lona ba tumelonyana, lo tseisanyeditseng kgang ka gobo lo se na dinkgwe?

9 A ga lo ise lo lemogo, le fa e le go gakologelwa dinkgwe tse tlhano, tsa ba ba 5 000, le bokae jwa diroto tse lo seletseng mo go tsone?

10 Le fa e le dinkgwe tse di supang tsa ba 4 000, le bokae jwa diroto tse lo seletseng mo go tsone?

11Ana go ntse jang lo sa lemoge fa ke ne ke sa bue le lona ka ga dinkgwe? Mme e le gore lo itise mo sebedisong sa Bafarisai le Basadukai.”

12Foo ba tlhaloganya fa a sa ba tlhagise ka ga sebediso sa senkgwe, mme e le ka ga thuto ya Bafarisai le Basadukai.

Polelo ya ga Petere ka ga Jesu(Mar 8:27-30; Luke 9:18-21)

13Jaana e rile Jesu a fitlha mo dintlheng tsa Kaesarea Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re: “Ana batho ba tle ba re nna Morwa Motho ke mang?”

14 Ba re: “Bangwe ba re: Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re: Elija; le ba bangwe ba re: Jeremia, kgotsa mongwe wa baperofeti.”

15A ba raya a re: “Me lona lwa re nna ke mang?”

16 Simone Petere a mo fetola a re: “O Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng.”

17Jesu a mo fetola a re: “O sego, Simone morwa Jona; gonne ga o a go senolelwa ke nama le madi, fa e se ke Rre yo o kwa legodimong.

18Le nna ke go raya ke re: O Petere, mme ke tlaa aga phuthego ya me mo lefikeng le; mme dinonofo tsa Bobipo ga di ketla di e fenya.

19 Ke tlaa go neela dikopololo tsa bogosi jwa legodimo; se o tlaa se bofang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofilwe kwa legodimong; mme se o tlaa se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bo se bofolotswe kwa legodimong.”

20Foo a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela ope fa e le ene Keresete.

Jesu o bolelelapele loso lwa gagwe(Mar 8:31 – 9:1; Luke 9:22-27)

21Go simolola ka lobaka loo, Jesu a nna a tlhaloganyetsa barutwa ba gagwe fa a na le go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa dilo di le dintsi ke bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, le go bolawa, le go ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.

22Mme Petere a mo isa fa thoko, a simolola go mo omanya a re: “A go nne kgakala nao, Morena; mo ga go ketla go go dirafalela gope.”

23Mme ene a retologa, a raya Petere a re: “Tloga fa pele ga me Satane; gonne o sekgopi mo go nna; ka gobo ga o tlhokomele dilo tsa Modimo, fa e se dilo tsa batho fela.”

24 Foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa motho le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, mme a a tseye mokgoro wa gagwe a itse go ntshala morago.

25 Gonne le fa e le mang yo o ratang a ka bo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela; mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, ka ntlha ya me, o tlaa bo bona.

26Gonne motho o tlaa bo a ka thusega eng, le fa a ka fenya lefatshe lotlhe, mme a latlha botshelo jwa gagwe? Kgotsa, se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng?

27 Gonne Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe, a na le baengele ba gagwe; e dira gone o tlaa duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.

28Ammaaruri ke a lo raya: Go bangwe ba bone ba ba emeng fa, ba ba se ketlang ba utlwa loso gope, go tsamaya ba bona Morwa Motho a tla mo bogosing jwa gagwe pele.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help