PESALEMA 71 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya monnamogolo

1Jehofa, ke ikantse mo go wena,

a ke se tlhajwe ke ditlhong

gope.

2Nkgolola ka tshiamo ya gago,

me o mphalodise;

ntshekegela tsebe ya gago,

o mpoloke.

3O nne lefika la me la boago,

le ke ka nnang ka ya mo go lone

ka gale;

o ntshitse taolo

ya gore ke bolokwe;

gonne o lefika la me,

le kago ya me ya phemelo.

4Mphalodisa, Modimo wa me,

mo seatleng sa moikepi,

mo seatleng sa mosiamolodi

yo o bolalome.

5Gonne o tsholofelo ya me,

Jehofa, Modimo;

o sa le o nna boikanyo jwa me

le mo bokaung jwa me.

6O sa le o nkokotletsa

ke sa tswa sebopelong;

ke wena yo o nntshitseng

mo maleng a ga mme;

pako ya me e tlaa nna

ka ga gago ka gale.

7Ke ntse jaaka segakgamatso

mo bathong ba le bantsi;

mme wena o botshabelo jwa me

jo bo thata.

8Molomo wa me

o tlaa tlala pako ya gago,

le tlotlo ya gago

ka letsatsi lotlhe.

9Se ntatlhe

mo motlheng wa botsofe;

se ntlogele

mogang thata ya me e felang.

10Gonne baba ba me

ba bua ka ga me;

le ba ba lalelang mowa wa me

ba a gakololana.

11Ba re:

“Modimo o mo tlogetse,

mo lateleleng, lo mo tshware;

gonne ga go na ope

yo o ka gololang.”

12Ao Modimo!

Se nne kgakala le nna;

ao, Modimo wa me!

Akofela go nthusa.

13Bone ba e leng baganetsi ba mowa

wa me, a ba tlhajwe ke ditlhong

ba nyelediwe; ba ba batlang

gore ke utlwe botlhoko

a ba bipiwe ka kgobo le tlotlologo.

14Nna ke tlaa nna ke solofela fela

ka gale,

ke tlaa fela ke ntse ke go baka

bogolo bogolo.

15Molomo wa me o tlaa bolela

ka ga tshiamo ya gago,

le ka ga poloka ya gago

ka letsatsi lotlhe;

gonne ga ke itse palo ya tsone.

16Ke tlaa tla le ditiro tsa nonofo,

tsa ga Jehofa, Modimo;

ke tlaa umaka tshiamo ya gago,

e e leng ya gago yosi.

17Modimo o sa le wa nna wa nthuta

le mo bokaung jwa me,

ke ntse ke bolela ditiro tsa gago

tse di gakgamatsang,

nako e sa le eno.

18Ee, le gone, e tlaa re ke tsofetse

ke thuntse tlhogo,

Modimo, o se ka wa ntlogela;

go bo go tle go tsamaye

ke bolelele kokomana e e tlang

thata ya gago,

le nonofo ya gago ke e bolelele

mongwe le mongwe yo o tlaa tlang.

19Tshiamo ya gago, Modimo,

le yone e godimo thata;

wena Modimo

yo o dirileng dilo tse dikgolo,

yo o tshwanang nao

ya bo e le mang?

20Wena yo o re bontshitseng

ditlalelo di le dintsi

le tse di botlhoko,

o tlaa ba o re rudisa gape,

mme o tlaa ba o re kwetola gape

o re ntsha kwa matenyeng

a lefatshe.

21Totisa bogolo jwa me,

o bo o retologe gape,

o nkgomotse.

22Le gone, ke tlaa go baka ka saletare,

e bong boammaaruri jwa gago,

Modimo wa me;

ke tlaa go opelela ka harepe,

wena Moitshepi wa Iseraele.

23Dipounama tsa me

di tlaa itumela thata

mogang ke go opelelang dipako;

le mowa wa me o o o rekolotseng.

24Loleme lwa me le lone

lo tlaa bua ka ga tshiamo ya gago

ka letsatsi lotlhe;

gonne ba tlhabilwe ke ditlhong,

gonne ba sosobagantswe,

ba ba batlang gore ke utlwe

botlhoko.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help