2 SAMUELE 14 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Abesalome o busediwa kwa Jerusalema ke Joabe

1Joabe morwa Seruja a lemoga fa pelo ya kgosi e le kwa go Abesalome.

2Mme Joabe a roma motho kwa Tekoa, a bitsa mosadi mongwe yo o botlhale gone, a mo raya a re: “Ke a go rapela, o tle o itsheme motho yo o hutsafetseng, o apare diaparo tsa khutsafalo, ke a go rapela, o se ka wa tlola lookwane, o nne jaaka mosadi yo o sa bolong go lelela moswi fela.

3O tsene kwa kgosing, o bue nae jaana le jaana.” Jalo Joabe a tsenya mafoko mo molomong wa mosadi.

4Ya re mosadi wa Tekoa a bua le kgosi, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a ikoba a re; “Thusa, kgosi.”

5Kgosi ya mo raya ya re: “O bolawa ke eng?” A e fetola a re: “Ruri ke mosadi wa motlholagadi, monna wa me o sule.

6Lelata la gago o ne a na le bana ba basimane ba le babedi, mme ba lwa mo nageng, go ne go se na ope yo o ba kgaoganyang, mme yo mongwe a itaya yo mongwe, a mmolaya.

7Mme bona, ba losika loo botlhe ba tsogologetse lelata la gago, ba re: ‘Ntsha yo o bolaileng ngwanaa rraagwe gore re mmolaele loso lwa ngwanaa rraagwe yo o mmolaileng, mme jalo re bolaye le ene mojaboswa’; jalo ba tlaa tima legala la me le le setseng, ba sa tlogelele monna wa me leina le fa e le lesalela mo lefatsheng.”

8Kgosi ya raya mosadi ya re: “Ya kwa ntlong ya gago, ke tlaa laela batho ka ga gago.”

9Mosadi wa Tekoa a raya kgosi a re: “Morena wa me, kgosi, a boikepo bo nne mo go nna le mo ntlong ya ga rre; a kgosi le setulo sa yone sa bogosi e tlhoke molato.”

10Kgosi ya re; “Le fa e le mang yo o buang sengwe nao, o mo lere kwa go nna mme ga a ketla a tlhola a go ama gope.”

11Foo mosadi a re: “Ke a go rapela, a kgosi e gakologelwe Jehofa, Modimo wa gago, gore mmusolosi wa madi a se ka a tlhola a senya, ka o ka tla a senya morwaake.” Mme a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, moriri le fa e le o mongwe fela wa ga morwao ga o ketla o wela fa fatshe.”

12Foo mosadi a re: “Ke a go rapela, o mme lelata la gago le bue lefoko lengwe le kgosi morena wa me.” Mme ya re: “Buela pele.”

13Mosadi a re: “Ke ka ntlha yang o diretse batho ba Modimo tiro e e ntseng jalo? Gonne fa o bua lefoko le, kgosi e etsa mongwe yo o molato, ka kgosi e sa ye go batla molelekiwa wa yone.

14Gonne go swa ke ga rona, mme re etsa metsi a a tshologetseng fa fatshe, a a sa ka keng a tlhola a selwa; le gone Modimo ga o tlose botshelo, mme o dira maano a go re, yo o lelekilweng a se ka a nna molatlhegi mo go one.

15Jaana ka re, e re ka ke tsile go bua lone lefoko le le kgosi morena wa me, ke ka gonne batho ba mpoifisitse; mme lelata la gago la re: Jaana ke tlaa bua le kgosi; e tle e re gongwe kgosi e dire topo ya motlhanka wa yone.

16Gonne kgosi e tlaa utlwa go golola motlhanka wa yone mo seatleng sa monna yo o ratang go ntshenya, le morwaake mmogo, re tswa mo bosweng jwa Modimo.

17Foo lelata la gago la re: Ke a go rapela, o mme lefoko la kgosi morena wa me le nne boikhutso; gonne kgosi morena wa me o ntse jaaka moengele wa Modimo mo go farologanyeng molemo le bosula; Jehofa Modimo wa gago a nne nao.”

18Foo kgosi ya fetola mosadi ya re: “Ke a go rapela, o se ka wa ntobela sepe se ke tlaa se go botsang.” Mosadi a re: “A kgosi morena wa me a bue.”

19Kgosi ya re: “A seatla sa ga Joabe ga se na nao mo seong se sotlhe fela?” Mosadi a fetola a re: “Jaaka mowa wa gago o tshedile, kgosi morena wa me, ga go na ope yo o ka fapogelang ntlheng ya le legolo, kgotsa ntlheng ya la molema a tswa mo go sengwe se kgosi morena wa me o se buileng; gonne motlhanka wa gago Joabe, ke ene yo o ne a ntaola, a ba a tsenya mafoko otlhe a mo molomong wa lelata la gago;

20motlhanka wa gago Joabe o dirile selo se, go tla a sokolola ponalo ya mafoko a; mme morena wa me o botlhale, ka fa botlhaleng jwa moengele wa Modimo, go itse dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng.”

21Kgosi ya raya Joabe ya re: “Bona jaana, ke dirile selo se; mme ka re, ya o buse lekau leo, e bong Abesalome.”

22Joabe a wela fa fatshe ka sefatlhogo a ikoba, a segofatsa kgosi; Joabe a re: “Gompieno motlhanka wa gago o a itse fa ke bonye botsalano mo matlhong a gago, kgosi, morena wa me, ka e le fa kgosi e dirile topo ya motlhanka wa yone.”

23Jalo Joabe a nanoga a ya Gešure, mme a lere Abesalome mo Jerusalema.

24Kgosi ya re: “A a fapogele kwa ntlong ya gagwe, mme a se bone sefatlhogo sa me.” Abesalome a fapogela kwa ntlong ya gagwe, mme a se ka a bona sefatlhogo sa kgosi.

Abesalome o agisanya le Dafite

25Jaana mo go Baiseraele botlhe go ne go se na ope yo o bokwang jaaka Abesalome ka bontle jwa gagwe; go tswa patong ya lonao go ya fela kwa phogong go ne go se na bogolenyana bope mo go ene.

26E ne e tle e re a ipeola tlhogo, (o ne a tle a ipeole tlhogo bokhutlong jwa ngwaga mongwe le mongwe, gonne moriri wa gagwe o le bokete mo go ene, a ipeole tlhogo ka ntlha ya gone); a lekanye bokete jwa moriri wa tlhogo ya gagwe, mme bo nne dišekela di le makgolo mabedi ka fa boketeng jwa kgosi.

27Abesalome a tsala bana ba basimane ba le bararo, le wa mosetsana a le mongwe fela, leina la gagwe e le Tamare; yoo e ne e le mosadi yo o sefatlhogo se sentle.

28Abesalome a aga dinyaga di le pedi tse di tletseng mo Jerusalema; a sa bone sefatlhogo sa kgosi.

29Foo Abesalome a romela Joabe gore a tle a mo rome kwa kgosing; mme a gana go tla; a roma gape lwa bobedi, mme a gana go tla.

30Ka ntlha ya moo a raya batlhanka ba gagwe a re: “Bonang, tshimo ya ga Joabe e gaufi le ya me, o na le barele gone; yang lo e tshube ka molelo.” Mme batlhanka ba ga Abesalome ba tshuba tshimo ka molelo.

31Foo Joabe a nanoga, a tla mo go Abesalome mo ntlong ya gagwe, a mo raya a re: “Batlhanka ba gago ba tshubile tshimo ya me ka ntlha yang?”

32Abesalome a fetola Joabe a re: “Bona, ke romile kwa go wena, ka re: ‘Tla kwano, gore ke tle ke go rome kwa kgosing, go e raya go re: Ana ke dule kwa Gešure go reng? Go ne go le molemo bogolo fa nka bo ke sa ntse ke le gone; jaana ka re o mme ke bone sefatlhogo sa kgosi; mme fa go na le boikepo mo go nna, a e mpolaye.’ ”

33Joabe a ya kwa kgosing a e bolelela; e rile e sena go bitsa Abesalome, a tla kwa kgosing, a ikobela fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga kgosi; mme kgosi ya atla Abesalome.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help