MORERI 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tsa lefatshe ga di na tiro

1Mafoko a Moreri morwa Dafite,

kgosi mo Jerusalema.

2Boithamako jwa maithamako,

go bua Moreri;

boithamako jwa maithamako,

gotlhe fela ke boithamako.

3Motho o bona thuso yang

mo tirong yotlhe ya gagwe

e o dirang mo go yone

tlase ga letsatsi?

4Kokomana nngwe e fetela koo,

mme go tle e nngwe;

mme lefatshe le nnetse ruri

ka bosakhutleng.

5Letsatsi le lone le tle le tlhabe,

le tloge gape le phirime,

mme le itlhaganelele felong

kwa le tlhabang gone.

6Phefo e ye ntlheng ya borwa mme

e retologele ntlheng ya botsheka;

e tlhole e ntse e retologa fela

mo tsamaong ya yone,

mme phefo e boele gape

kwa dipotologong tsa yone.

7Dinoka tsotlhe

di thelegela mo lewatleng,

le fa go ntse jalo

lewatle ga le a tlala;

felong kwa dinoka di yang gone,

di be di ye gone gape.

8Dilo tsotlhe di tletse letsapa;

motho ga a kake a le bolela;

leitlho ga le kgore ka go bona,

le tsebe ga e tlale ka go utlwa.

9Selo se se neng se ntse se leyo,

ke sone se se tlaa nnang;

le se se ntseng se dirilwe,

ke se se tlaa dirwang;

ga go na sepe se seša

tlase ga letsatsi.

10A go na le sengwe

se batho ba buang ka ga sone, ba re:

“Bonang, se ke se seša?”

Se ne se ntse se le gone

mo metlheng e e fetileng

pele ga rona.

11Ga go na kgakologelo epe

ya dikokomana tse di fetileng pele;

le gone ga go ketla go nna kgakologelo epe

ya dikokomana tsa morago

tse di sa ntseng di tlaa tla,

mo go bone ba ba tlaa tlang

kwa morago.

Maitemogelo a Moreri

12Nna Moreri ke ne ke le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema.

13Mme ka ineela ka pelo go batla, le go tlhotlhomisa ka botlhale, ka ga tsotlhe tse di dirwang tlase ga legodimo; ke letsapa le le botlhoko le Modimo o le neileng bana ba batho go lekisiwa ka lone.

14Ke bonye ditiro tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme gotlhe fela ke boithamako le go belebetlela phefo fela.

15Se se sokameng ga se kake sa siamisiwa; le se se tlhokafalang ga se kake sa balwa.

16 Ka bua le pelo ya me, ka re: “Bona, ke ipapaletse botlhale jo bogolo go feta botlhe ba ba neng ba le pele ga me mo Jerusalema; ee, pelo ya me e na le tlwaelano e kgolo le botlhale le kitso.”

17Mme ka ineela ka pelo go itse botlhale, le go itse botsenwa le bosilo; ka lemoga fa mo, le gone e le go belebetlela phefo fela.

18Gonne mo bogolong jwa botlhale go na le bogolo jwa mahumapelo; le gone yo o kokotletsang kitso o kokotletsa bohutsana.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help