1Jehofa a nthaya, a re: “Ba o ye gape, o rate mosadi yo o ratwang ke mogatse, le yo o leng seaka, fela jaaka Jehofa a rata bana ba Iseraele, le fa ba menogela kwa medimong e sele, mme ba rata dinkgwenyana tsa ditshwabi tsa mafine.”
2Jalo ka mo ithekela ka dipapetlana tsa selefera di le 15, le kgetse ya barele, le bontlhanngwe jwa kgetse ya barele.
3Mme ka mo raya ka re: “O tlaa nnela ka malatsi a le mantsi; o se ka wa dira jaaka seaka, o bo o se ka wa nna mosadi wa monna ope, le nna ke tlaa nna jalo ntlheng ya gago.”
4Gonne bana ba Iseraele ba tlaa nna malatsi a le mantsi ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na setshwantsho se se setilweng se eme motloutlo, ba se na sekhutlana le fa e le mereo!
5Morago ga moo bana ba Iseraele ba tlaa boa, ba batla Jehofa Modimo wa bone, le Dafite kgosi ya bone; ba tlaa tla ka poifo mo go Jehofa le mo molemong wa gagwe mo metlheng ya morago.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
