PESALEMA 78 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Boikanyego jwa Modimo mo bathong ba one ba ba sa ikanyegengMasekile wa ga Afase.

1Lona batho ba me,

beelang molao wa me tsebe;

sekegelang mafoko a molomo wa me

tsebe.

2 Ke tlaa tswa molomo

ka setshwantsho;

ke tlaa wela dipolelo

tse di lotobo tsa bogologolo,

3tse re di utlwileng, ra di itse,

tse borraetsho ba di re boleletseng.

4Ga re ketla re di lobela bana

ba bone,

ka re tlaa bolelela losika lo lo tlang

dipako tsa ga Jehofa,

le thata ya gagwe,

le ditiro tsa gagwe tse di

gakgamatsang tse o di dirileng.

5Gonne o ne a tlhoma tshupo

mo go Jakobe,

a baya molao mo go Iseraele,

o o o laoletseng borraetsho

gore ba tle ba itsise bana ba bone

dilo tse;

6gore losika lo lo tlang lo di itse,

e bong bana ba ba tlaa tsalwang;

ba ba tlaa tlogang

ba ba ba di bolelela bana ba bone;

7gore ba tlhome

tsholofelo ya bone mo Modimong,

ba se ka ba lebala

ditiro tsa Modimo,

mme ba boloke ditaolo tsa one;

8gore ba se nne jaaka borraabo,

ba e neng e le losika lo lo

tlhogo e thata, le lwa borukhutlhi;

e le losika lo lo sa tlhomang

pelo ya lone ka tshiamo,

lo mowa wa lone

o sa emang sentle le Modimo.

9Bana ba ga Eferaime,

e rile ba tlhometse dibolao

ba bile ba sikere mara,

ba menoga ba tshaba

mo letsatsing la tlhabano.

10Ga ba a ka ba boloka

kgolagano ya Modimo,

ba gana go tsamaya

mo molaong wa one;

11ba lebala ditiro tsa one,

le ditiro tse di gakgamatsang

tse o neng o di ba bontshitse.

12 Ke dilo tse di tseanyang,

tse o di dirileng

mo ponong ya borraabone,

mo lefatsheng la Egepeto,

le mo nageng ya Soane.

13 O ne wa fatoganya lewatle,

wa ba kgabagantsha;

wa emisa metsi

a nna jaaka mokoa fela.

14 Le gone motshegare

wa nna wa ba goga ka leru,

le bosigo jotlhe ka lesedi la molelo.

15 Wa fatola mafika mo nageng fela,

wa ba nosa thata

jaaka mo madibeng a a boteng.

16O ne wa phunya metlhodi le yone

mo lefikeng,

wa eledisa metsi jaaka dinoka.

17Le fa go ntse jalo

ba tswelela pele fela go o leofela,

go tsuololela Mogodimodimo

mo loboeng lwa naga.

18 Ba leka Modimo

mo pelong tsa bone,

ka go lopela keletso ya bone dijo.

19Ee, ba ne ba nyatsa Modimo,

ba re:

“A Modimo o ka baakanya lomati

lwa bojelo mo nageng?”

20Ba re:

“Bona, o ne wa itaya lefika,

metsi a ba a phothometsega

le meelelo ya penologa;

a bogobe le jone a o ka bo ntsha?

A o tlaa etleeletsa batho ba one

nama?”

21Ke gone ka foo Jehofa a utlwa,

mme a nna bogale thata;

molelo wa tshubelwa Jakobe,

bogale le jone jwa tsogela Iseraele;

22ka gobo

ba se ka ba dumela Modimo,

le fa e le go ikanya poloka ya one.

23Le fa go ntse jalo

wa laola maru kwa godimo,

wa bula dithoba tsa legodimo;

24 mme wa ba nesetsa mana go a ja,

wa ba naya mabele a legodimo.

25Motho a ja bogobe jwa bathata;

wa ba gorosetsa dijo tsa go kgorwa.

26Wa fokisa phefo ya botlhabatsatsi

mo loaping;

wa tsamaisa phefo ya borwa

ka thata ya one.

27Nama le yone

wa e ba nesetsa jaaka lorole,

le dinonyane tse di diphuka

jaaka mošawa wa lewatle.

28Wa e usetsa fa gare ga bothibelelo

jwa bone,

mo tikologong ya manno a bone.

29Jalo ba ja, mme ba kgora thata;

wa ba naya se ba se eleditseng.

30E rile ba ise ba tenwe

ke keletso ya bone,

nama e sa ntse e le mo maganong

a bone,

31bogale jwa Modimo

jwa ba tsogela,

jwa bolaya ba ba nonneng bogolo

mo go bone,

ja ba jwa thubanyetsa makau

a Iseraele fa fatshe.

32Le fa go dirile jaana,

ba fela ba leofela pele fela,

ba sa dumele ditiro tse di

gakgamatsang tsa one.

33Ka ntlha ya moo wa sweletsa

malatsi a bone ka lefela,

le dinyaga tsa bone ka therego.

34Ya re fa o ba bolaya,

ya dira gone ba botsang ka ga one;

mme ba bowe ba batle Modimo

go sa le gale.

35Ba gakologelwe

fa Modimo e le lefika la bone;

le go re Modimo wa Mogodimodimo

ke Morekolodi wa bone.

36Ba o tsoatsoa ka molomo wa bone,

ba o akela ka loleme lwa bone.

37 Gonne pelo ya bone

e ne e sa siamela one;

le gone ba ne ba sa ikanyega mo

kgolaganong ya one.

38Mme one, ka o tletse pelotlhomogi,

wa itshwarela boikepo jwa bone,

wa se ka wa ba senya;

ee, wa faposa bogale jwa one gantsi,

mme wa se ka wa tsosa tšhakgalo

yotlhe ya one.

39Wa ba gakologelwa

fa ba le nama fela;

ba le phefo e e fetang,

mme e se ke e be e boye.

40Ba ne ba o tsuololela gantsintsi jang

mo nageng! Ba o hutsafatsa

mo difoleng tsa naga!

41Ba ba ba menoga gape,

ba leka Modimo,

ba rumola Moitshepi wa Iseraele.

42Ga ba a ka ba gakologelwa seatla sa

one, le fa e le letsatsi

le o ba golotseng mo moganetsing

ka lone.

43Ka fa o tlhomileng ditshupo

tsa one mo Egepeto ka gone,

le dikgakgamatso

mo nageng ya Soane;

44 wa fetola dinoka tsa bone madi,

le dinokana tsa bone,

ba ba ba retelelwa ke go nwa.

45 Wa ba tsosetsa metshitshi ya

dintshi, tsa ba ja;

le digwagwa tsa ba senya.

46 Le loato lwa dilo tsa bone

wa lo neela diboko;

le tsa letsapa la bone

wa di neela tsie.

47 Wa senya mafine a bone ka sefako,

le ditlhare tsa bone

tsa masekamore ka kgogotshwane.

48Dikgomo tsa bone le tsone

wa di neela sefako,

le matsomane a bone wa a neela

tladi ya tlapana e e molelo.

49Wa ba piriganyetsa

go tuka ga bogale jwa one,

tšhakgalo, le kgalefo le tlalelo,

e le lesomo la barongwa ba bosula.

50Wa phunyetsa bogale jwa one tsela;

wa se ka wa rekegela mowa wa bone

mo losong,

wa neela kgogodi botshelo jwa bone;

51 wa gaila bana ba batsalwapele

botlhe ba Egepeto,

tshimologo ya thata ya bone

mo megopeng ya ga Hame;

52 mme batho ba e leng ba one,

bone wa ba gogela ntle

jaaka dinku,

wa ba wa ba tsamaisa

mo nageng jaaka letsomane fela.

53 Wa ba goga ka polokego,

go tla ba se ka ba boifa;

baba ba bone,

lewatle la ba ribegetsa.

54 Wa ba fitlhisa mo molelwaneng

wa felo ga one ga boitshepo,

mo thabeng eno, e seatla sa one se

segolo se e rekileng.

55 Merafe le yone wa e leleka

fa pele ga bone,

wa e aba ka thapo go nna boswa,

mme wa tsenya ditso tsa Iseraele,

tsa nna mo megopeng ya yone.

56 Le fa go ntse jalo Modimo

Mogodimodimo ba o leka,

ba o tsuololela fela, mme

ba se ka ba boloka ditao tsa one;

57mme ba boela kwa morago,

ba dira ka mooko jaaka borraabo;

ba fapoga

jaaka bora jo bo kgopameng.

58Gonne ba ne ba o tlhotlheletsa

bogaleng

ka mafelo a bone a a tlotlometseng,

ba o tsenya lefufa ka ditshwantsho

tse di setilweng tsa bone.

59E rile Modimo o utlwa

wa nna bogale thata,

wa fedisiwa pelo fela ke Iseraele;

60 wa ba wa tla wa tlogela

motlaagana wa Shilo,

mogope o o o tlhomileng

mo bathong;

61 thata ya one

wa e tsenya mo botshwarweng,

le kgalalelo ya one wa e tsenya

mo seatleng sa moganetsi.

62Batho ba one wa ba neela tšhaka;

le gone wa nna bogale thata

le boswa jwa one.

63Molelo wa laila makau a bone;

barweetsana ba bone le bone

ba se ka ba dirana le pina ya nyalo.

64Baperesiti ba bone ba wa ka tšhaka,

mme batlholagadi ba bone

ba se ka ba dira selelo sepe.

65Foo Morena a tsoga jaaka

mongwe yo o tswang borokong,

jaaka monna yo o thata

fa a goisiwa ke bojalwa jwa mofine.

66A phailela baganetsi ba gagwe

kwa morago;

a ba dira sekgobo sa metlha yotlhe.

67Gape a gana mogope wa ga Josefe,

a se ka a itshenkela

lotso lwa ga Eferaime;

68a itshenkela lotso lwa ga Juta,

e bong thaba ya Sione e o e ratang.

69A aga felo ga gagwe ga boitshepo

jaaka ditlhora tsa dithaba fela;

jaaka lone lefatshe le o le

emiseditseng ruri ka bosakhutleng.

70 Le gone a itshenkela

Dafite motlhanka wa gagwe;

a mo tsaya

a le mo marakaneng a dinku;

71a mo tlosa mo go saleng

dinku tse di amusang morago;

a tla go otla Jakobe,

batho ba gagwe,

le Iseraele boswa jwa gagwe.

72Jalo a ba otla

ka fa thokgamong ya pelo ya gagwe,

a ba tsamaisa ka botswerere

jwa diatla tsa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help