PESALEMA 62 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke one fela botshabeloPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; ka fa mokgweng wa ga Jeduthune.

1Mowa wa me

o lebeletse fela mo Modimong;

poloko ya me e tswa mo go one.

2Ke one osi o e leng lefika la me,

le poloko ya me;

ke one kago ya me

e e godileng ya phemelo;

ga nketla ke tshikinyega thata.

3Lo tlaa nna lo gagaotla motho

goleele go le kaye,

gore lo tle lo mmolae, lotlhe,

jaaka lomota lo lo obameng,

le jaaka logora lo lo reketlang?

4Ba gakololana fela go mo diga

mo tlotlomalong ya gagwe;

ba natefelwa ke maaka;

ka molomo ba a segofatsa,

mme mo teng ba hutsake fela. Sela.

5Mowa wa me,

wena o lebelele mo Modimong fela;

gonne tebelelo ya me

e mo go one fela.

6Ke one osi lefika la me,

le poloko ya me;

ke one kago ya me e e godileng

ya phemelo;

ga nketla ke tshikinyega.

7Poloko ya me le kgalalelo ya me

di na le Modimo;

lefika la thata ya me le mo

Modimong, le botshabelo jwa me.

8Lona batho, ikanyeng mo go one

ka metlha yotlhe;

tshololang dipelo tsa lona

fa pele ga one;

Modimo ke botshabelo jwa rona.

Sela.

9Ruri ba e leng batho fela ke lefela,

le batho ba e leng bagolwane

ke maaka;

mo selekanyong sa pego

ba tlaa ya kwa godimo;

fa ba le mmogo ba motlhofo

bogolo go tsa lefela.

10Lo se ka lwa ikanya patiko,

lo bo lo se ka lwa thetha ka bogodu;

e re fa mahumo a tota,

lo se ka lwa tlhoma pelo tsa lona

mo go one.

11Modimo o buile gangwe fela,

mo ke go utlwile gabedi;

gore thata ke ya Modimo;

12 le gone, Morena,

sa gago ke boutlwelobotlhoko,

ka gobo o naya motho mongwe

le mongwe ka fa tirong ya gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help