JEREMIA 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Iseraele ga a ikanyege

1“Go tle go twe:

“ ‘Fa monna a tlhala mosadi

wa gagwe,

mme mosadi a tswa mo go ene,

a ya a nna mosadi wa monna o sele,

a monna o ka ba a boela

mo go ene?’

Lefatshe leo

a ga le ketla le leswefala thata?

Mme wena o dirile boaka

le dinyatsi di le dintsi;

le fa go ntse jalo,

a wa re o boela mo go nna?”

go bua Jehofa.

2“Tsholeletsa matlho kwa dithoteng

tse di loforotlho, mme o bone;

kwa go se kang ga lalwa nao

gone ke kae?

O ba duletse fa ditseleng,

jaaka Moarabia mo gareng ga naga;

mme o leswefaditse lefatshe

ka maakafalo a gago,

le ka boikepo jwa gago.

3Ke gone ka moo dipula

tsa medupe di kganetsweng,

go bile go ise go ko go ne pula

ya kgogolamoko;

le fa go ntse jalo

o ne o na le phatla ya seaka,

wa gana go tlhajwa ke ditlhong.

4“Go tloga mo lobakeng lono

a ga o ketla o biletsa kwa go nna,

o re: ‘Rara, ke wena mogogi

wa bokau jwa me?

5A o tlaa nna bogale

ka bosakhutleng?’

A o tlaa bo tshegeletsa

go ya kwa bokhutlong?

Bona o buile,

mme o dirile dilo tse di bosula,

o bile o dirile go rata ga gago.”

Iseraele le Juta ba tshwanetse go ikwatlhaya

6 Gape Jehofa o ne a nthaya mo metlheng ya kgosi Josia, a re: “A o bonye se Iseraele mosadi wa motenegi o se dirileng? O palametse kwa thabeng nngwe le nngwe e e godileng, o ile fa tlase ka setlhare sengwe le sengwe se setala, mme o akafaletse teng.

7E rile a sena go dira dilo tsotlhe tse, ka re: ‘O tlaa boela mo go nna,’ mme ga a ka a bowa; mme mogolowe mosadi wa molotsana, e bong Juta o ne a go bona.

8Ka bona jaaka e rile ke sena go tlhala Iseraele wa motenegi, le go mo naya lokwalo lwa tlhalo, fela ka ntlha ya go bo a dirile boaka, le fa go ntse jalo mogolowe wa molotsana, e bong Juta ga a ka a boifa; mme le ene a ya a akafala.

9Mme ga dirala ya re ka ntlha ya go bo boaka jwa gagwe a bo kaya e seng sepe, lefatshe la leswefadiwa, mme a akafala le maje le dikgong.

10Le fa dilo tse tsotlhe di ntse jalo, mogolowe wa molotsana, e bong Juta, ga a a boela mo go nna ka pelo yotlhe ya gagwe, fa e se ka boitimokanyo fela.” Go bua Jehofa.

11Mme Jehofa a nthaya a re: “Iseraele wa motenegi o itshupile fa a le tshiamo bogolo go Juta molotsana.

12Ya o bolele mafoko a kwa ntlheng ya botsheka, o re: ‘Boa wena Iseraele wa motenegi,’ go bua Jehofa. ‘Ga nketla ke lo leba ka bogale, gonne ke kutlwelobotlhoko,’ go bua Jehofa, ‘ga nketla ke tshegetsa bogale ka bosakhutleng.’

13Mme go le gosi o ipolele boikepo jwa gago ka go re, o tloletse Jehofa Modimo wa gago, o gaseditse baeng mekgwa ya gago fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa akela lentswe la me”; go bua Jehofa.

14“Bowang, lona bana ba lo tenegang,” go bua Jehofa, “gonne ke monna wa lona; mme ke tlaa lo tsaya a le mongwe fela wa motse mongwe, ba le babedi ba losika longwe, mme ke tlaa lo tlisa mo Sione.

15Ke tlaa lo naya badisa ka fa pelong ya me, ba ba tlaa lo jesang ka kitso le tlhaloganyo.

16Go tlaa dirala go re, e tlaa re mo metlheng eo lo sena go ntsifala, lo atile mo lefatsheng,” go bua Jehofa, “ga ba ketla ba tlhola ba re: ‘Letlole la kgolagano ya ga Jehofa’; le gone ga le ketla le tla; mme ga ba ketla ba le gakologelwa; le gone ga ba ketla ba le ngongoregela; le gone ga le ketla le tlhola le dirwa gope.

17E tlaa re mo motlheng oo ba tlaa bitsa Jerusalema Setulo sa ga Jehofa sa bogosi; mme merafe yotlhe e tlaa phuthegela kwa go sone, kwa leineng la ga Jehofa kwa Jerusalema; mme ga ba ketla ba tlhola ba tsamaya ka fa logwading lwa pelo ya bone e e bosula.

18E tlaa re mo metlheng eo ba ntlo ya Juta ba tlaa sepela le ba ntlo ya Iseraele, ba tlaa tswa mmogo kwa lefatsheng la botsheka ba tla mo lefatsheng le ke le neileng borraeno boswa.”

Baiseraele ba obamela disetwa

19“Mme ka re: ‘Ke tlaa go baya jang

mo baneng ba me,

ke go naya lefatshe

le le eletsegang,

boswa jo bo molemo

jwa bontsi jwa merafe?’

Mme ka re: Lo tlaa mpitsa lo re:

‘Rraetsho’;

ga lo ketla lo kgaogana

le go ntshala morago.

20Ruri jaaka mosadi a tle a kgaogane

le monna wa gagwe ka bolotsana,

le lona lo ntiretse ka bolotsana,

lona ba ntlo ya Iseraele,”

go bua Jehofa.

21Lentswe lengwe le utlwala

mo dithoteng tse di loforotlho,

selelo le mekokotlelo

ya bana ba Iseraele;

gonne ba sokamisitse tsela ya bone,

ba lebetse Jehofa Modimo wa bone.

22“Bowang, lona bana ba lo tenegang,

ke tlaa fodisa ditenego tsa lona.”

“Bona, re tsile mo go wena;

gonne o Jehofa Modimo wa rona.

23Ruri thuso e e lebeletsweng

go tswa mo makhubung ke lefela,

le tlhapeo e e mo dithabeng;

ruri poloko ya Iseraele

e mo go Jehofa Modimo wa rona.

24“Mme selo se se tlhabisang ditlhong se sa le se ja letsapa la borraetsho mo bokaung jwa rona; matsomane a bone le matlhape a bone, bana ba bone ba basimane le ba basetsana.

25A re itelegeng mo ditlhongnyeng tsa rona! A tshosobagano ya rona e re khurumetse; gonne re leofetse Jehofa Modimo wa rona, rona le borraetsho, go tswa mo bokaung jwa rona le go tla mo motlheng wa gompieno, ga re ise re akele lentswe la ga Jehofa Modimo wa rona.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help