DUTERONOME 26 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Moletlo wa thobo

1“Go tlaa re o sena go tsena mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go nna boswa o le ruile, o agile mo go lone,

2 o tle o tseye ga mabutswapele a loungo lwa lefatshe la gago lo o lo rorelang mo gae, lo tswa mo lefatsheng la gago le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang; o a tsenye mo serotong, o ye kwa felong kwa Jehofa Modimo wa gago o tlaa go itshenkelang gore leina la gagwe le agisiwe gone.

3O ye kwa moperesiting yo o tlaa bong a eme mo motlheng oo, o mo reye o re: ‘Ke ipolelela Jehofa Modimo wa gago ka tsatsi leno, fa ke tsile mo lefatsheng le Jehofa o ne a le ikanela borra ba rona fa a tlaa le re naya.’

4“Moperesiti a amogele seroto mo seatleng sa gago, a se beye fa pele ga sebeso sa ga Jehofa Modimo wa gago.

5O bolele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago o re: ‘Re e ne e le Mosiria yo o ne a batla go swa, mme a fologela kwa Egepeto, a jaka gone a se montsi, a tla a nna morafe gone, o mogolo o o nonofileng, o montsi.

6Baegepeto ba re direla bosula, ba re patika, ba baya botlhanka jo bo thata mo go rona.

7Ra goela kwa go Jehofa Modimo wa borra ba rona, mme Jehofa a utlwa lentswe la rona, a bona patikego ya rona le tiro e e thata ya rona le pogiso ya rona.

8Jehofa a re ntsha mo Egepeto ka letsogo le le nonofileng le ka letsogo le le otlologileng, le ka poitshego e kgolo, le ka ditshupo, le ka dikgakgamatso.

9O re lerile mo felong fano, o re neile lefatshe le, lefatshe le le elang maši le dinotshe.

10Jaanong ke lerile mabutswapele a lefatshe le wena Jehofa o le nneileng.’ O a beye fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, o obamele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago.

11O itumele mo molemong otlhe o Jehofa Modimo wa gago o o go neileng, wa ba wa o naya le ba kgotla ya gago, wena, le Molefi le moeng yo o mo gare ga gago.

12 “O tlaa re o sena go wetsa go ntsha tsa bosome, tsa bosome tsa totafalo yotlhe ya ngwaga wa boraro o e leng ngwaga wa go ntsha tsa bosome, foo o di neye Molefi, le moeng, le lesiela, le motlholagadi, gore ba jele mo teng ga dikgoro tsa gago, ba kgore.

13O bue fa pele ga Jehofa Modimo wa gago, o re: ‘Dilo tse di itshepileng ke di ntshitse mo ntlong ya me, ke bile ke di neile Molefi, le moeng, le lesiela, le motlholagadi, ka fa taolong yotlhe ya gago, e o e ntaoletseng; ga ke a tlola ditaolo dipe tsa gago, le gone ga ke a di lebala.

14Ga ke a ja ga gone mo khutsafalong ya me, le gone ga ke a baya ga gone ke itshekologile, le gone ga ke a ntshetsa baswi ga gone; ke reeditse lentswe la ga Jehofa Modimo wa me, ke dirile jaaka tsotlhe tse o di ntaoletseng.

15A ko o okomele o le mo boagong jwa gago jo bo boitshepo, kwa legodimong, o segofatse batho ba gago Iseraele, le lefatshe le o le re neileng, jaaka o ne wa ikanela borra ba rona lefatshe le le elang maši le dinotshe.’

Batho ba ba itlhophetsweng ke Jehofa

16“Gompieno Jehofa Modimo wa gago o a go laola, gore o dire ditao tse, le dikatlholo tse, mme ke gone o di tshegetse tsotlhe, o di dire ka pelo yotlhe ya gago, le mowa otlhe wa gago.

17O ipoletse gompieno, wa re: Jehofa ke Modimo wa gago, le gore o tlaa sepela mo ditseleng tsa gagwe, o tshegetsa ditao tsa gagwe, le ditaolo tsa gagwe, le dikatlholo tsa gagwe, le gore o tlaa reetsa lentswe la gagwe.

18 Jehofa o ipoletse gompieno, a re: O sešaba se o se itlhaoletseng, jaaka a go solofeditse pele, le gore o tlaa tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa gagwe;

19le gore o tlaa go godisa mo pakong, le mo leineng, le mo tlotlong, godimo ga merafe yotlhe e o e dirileng; a re o tle o nne sešaba se se itshepetseng Jehofa Modimo wa gago, jaaka a buile.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help