SEKARIA 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lokwalo lwa momeno lo lo fofang

1Foo ka tsholetsa matlho a me gape, ka leba, mme bonang, lokwalo lo lo mennweng lo fofa.

2Mme a nthaya a re: “O bonang?” Ka mo fetola ka re: “Ke bona lokwalo lo lo menaganyeng lo fofa; boleele jwa lone ke dimetara di le 9, le boatlhamo jwa lone ke dimetara di le 4,5.”

3Foo a nthaya a re: “E ke yone phutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tlaa kgaolelwa ruri mo go lone ka fa ntlheng e nngwe, ka fa taolong ya lone; mongwe le mongwe yo o ikanang o tlaa kgaolelwa ruri mo go lone, ka fa ntlheng e nngwe ka fa taolong ya lone.

4Ke tlaa dira gore lo tswelele,” go bua Jehofa wa masomosomo, “mme lo tlaa tsena mo ntlong ya legodu, le mo ntlong ya yo o ikanang ka tsietso, ka leina la me; lo tlaa nna mo gare ga ntlo ya gagwe, lo tlaa e nyeletsa ka dikgong tsa yone le ka maje a yone.”

Mosadi yo o mo seelong

5Foo moengele yo o buang le nna a tswela kwa ntle, mme a nthaya a re: “A ke o tsholetse matlho, o bone seelo se, se se tswelelang, gore ke eng.”

6Ka re: “Ke eng?” Mme a re: “Se ke sone seelo se se tswelelang.” Gape a re: “E ke yone tshwano ya bone mo lefatsheng lotlhe.”

7Mme bonang ga tsholediwa moritshana wa lotwe: Mme yo ke mosadi yo o dutseng mo gare ga seelo.

8A re: “Yo ke Boikepo;” mme a mo latlhela mo gare ga seelo; a latlhela moritshana wa lotwe mo molomong wa sone.

9Foo ka tsholetsa matlho, ka leba, mme bonang, ga tswa basadi ba le babedi, mme phefo ya bo e le mo diphukeng tsa bone; jaana ba bo ba na le diphuka tse di etsang tsa mogolori; mme ba tsholetsa seelo fa gare ga lefatshe le legodimo.

10Foo ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Ana batho ba, ba isa kae seelo?”

11Mme a nthaya a re: “Ba ya go agela mosadi ntlo mo lefatsheng la Šinare; mme e tlaa re e sena go baakanngwa, o tlaa bewa gone mo felong ga gagwe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help