GENESISE 16 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Hagare le Išemaele

1Jaana Sarai, mosadi wa ga Aberame, a bo a sa bone bana nae; a bo a na le lelata, e le Moegepeto, leina la gagwe go twe, Hagare.

2Sarai a raya Aberame a re: “Bona jaana, Jehofa o ntlhokisitse go bona bana; ke a go rapela, ya kwa lelateng la me, e tle e re gongwe ke bone bana ka ene.” Aberame a reetsa lentswe la ga Sarai.

3Sarai, mosadi wa ga Aberame, a tsaya Hagare wa Moegepeto, lelata la gagwe, a mo naya Aberame monna wa gagwe, gore e nne mosadi wa gagwe. E ne e le morago ga Aberame a sena go aga dinyaga di le lesome mo lefatsheng la Kanana.

4A ya kwa go Hagare, a nna moimana; o rile a ipona a le moimana, a ikgodisa a simolola go nyatsa mohumagadi wa gagwe.

5Sarai a raya Aberame a re: “Ke molato wa gago gore tiro e e sa siamang e, e ntirafalele. Ke isitse lelata la me mo sehubeng sa gago; o rile a ipona a imile a nnyatsa. A Jehofa a atlhole fa gare ga me le wena.”

6Aberame a raya Sarai a re: “Bona, lelata la gago le mo seatleng sa gago; mo dire se se molemo mo matlhong a gago.” Sarai a mo direla ka bopeloethata; a tshaba sefatlhogo sa gagwe.

7Moengele wa ga Jehofa a mo fitlhela fa motsweding wa metsi mo nageng, fa motsweding o o mo tseleng e e yang Shure.

8A re: “Hagare, lelata la ga Sarai, o tswa kae? Mme o ya kae?”

A re: “Ke tshaba sefatlhogo sa mohumagadi wa me, Sarai.”

9Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “Boela kwa mohumagading wa gago, o ineele mo seatleng sa gagwe.”

10Moengele a ba a mo raya a re: “Ke tlaa ntsifatsa losika lwa gago thatathata, lo ba lo tla lo retela go balwa ke bontsi.”

11Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re:

“Bona, o moimana jaana,

o tlaa bona ngwana wa mosimane;

o tlaa raya ngwana leina o re: ‘Išemaele’,

ka gobo Jehofa o utlwile patikego ya gago.

12“Ene o tlaa nna jaaka esela ya naga mo bathong; o tlaa lwantsha motho mongwe le mongwe; le motho mongwe le mongwe o tlaa mo lwantsha. O tlaa aga a lebaganye le bana botlhe ba ga rraagwe.”

13A raya Jehofa yo o buileng nae leina, a re: “O Modimo o o bonang;” gonne a re: “A ntsaana ke bonye fano ene yo o mponang?”

14Ke gone ka moo sediba sa bidiwa Beere-lahai-roi (ke go re: “Sediba sa Motshedi yo o mponang”). Bonang, se fa gare ga Kateše le Berete.

15 Hagare a bona ngwana wa mosimane le Aberame. Aberame a raya leina la ga morwawe yo Hagare a mmonyeng a re, Išemaele.

16Aberame a bo a le dinyaga di le 86 fa Hagare a bona Išemaele nae.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help