JOBE 36 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elihu

1Le gone Elihu a tswelela pele, a re:

2“Ntesa go le gonnye,

mme ke tlaa go kaela;

gonne ke sa na le sengwe

se ke se buang ntlheng ya Modimo.

3Ke tlaa ya go tsaya kitso ya me

kgakala,

ke tlaa kaela Modiri wa me tshiamo.

4Gonne ruri mafoko a me

ga se a maaka;

mongwe yo o itekanetseng

mo kitsong o na nao.

5Bona, Modimo o nonofile,

ga o nyatse ope;

o thata mo nonofong ya tlhaloganyo.

6Ga o boloke botshelo

jwa ba ba bosula;

mme o naya ba ba patikwang

tshiamelo ya bone.

7Ga o tlose matlho a one

mo basiaming;

mme o ba baya le dikgosi

mo setulong sa bogosi

ka bosakhutleng,

mme ba goletsege.

8Fa ba golegwa ka dikeetane,

ba ba ba tshwarwa ka megala

ya patiko;

9foo o ba supetse tiro ya bone

le ditlolo tsa bone

fa ba dirile ka boikgodiso.

10Gape o kabololele thuto tsebe

ya bone,

o laole gore ba bowe mo boikepong.

11Fa ba reetsa, ba o direla,

ba tlaa fetisa malatsi a bone

mo tlhogonolofalong le dinyaga

tsa bone mo monateng.

12Mme fa ba sa reetse,

ba tlaa nyelela ka tšhaka,

ba tlaa swa go se na kitso.

13Bone ba ba sa reng Modimo sepe

mo pelong ba kokotletsa bogale;

ga ba goele thuso fa o ba bofa.

14Ba tle ba swe mo bokaung,

botshelo jwa bone bo felele

mo go ba ba itshekologileng.

15O golola ba ba patikwang

ka patiko ya bone;

o kabolole ditsebe tsa bone

ka pogiso.

16Ee, o ne a tlaa bo a go ntshitse

mo patikegong,

a go isa felong fa go atlhameng,

kwa go se nang pitlagano gone;

mme se se bewang mo lomating

lwa gago lwa bojelo

se ne se tlaa tlala mahura.

17“Mme o tletse tshekiso ya baikepi;

tshekiso le tekatekanyo

di go tshwere.

18E re ka go na le bogale,

o itise gore o se ka wa timediwa

ke boikgantsho jwa gago; le gone,

a bogolo jwa thekololo

bo se go fapose.

19A dikhumo tsa gago di tlaa lekana,

gore o se nne mo patikegong,

kgotsa dithata tsotlhe

tsa nonofo ya gago?

20O se ka wa eletsa bosigo,

e le lobaka lwa batho

go kgaolwa mo bonnong jwa bone.

21O itise, o se ka wa tlhokomela

boikepo, gonne o itshenketse jone

bogolo go patikego.

22Bona, Modimo o dira ka bogodi

mo thateng ya one.

E mang yo e leng moruti jaaka one?

23E mang yo o o laoletseng

tsela ya one,

kgotsa e mang yo o ka reng,

o dirile tshiamololo?

24“O gakologelwe

go godisa tiro ya one

e batho ba e opetseng.

25Batho botlhe ba ntse ba e lebile;

motho o e bonela kgakala.

26Bona, Modimo o mogolo,

ga re o itse;

palo ya dinyaga tsa one

e retela go tlhotlhomisiwa.

27Gonne o gogela dithothi tsa metsi

godimong,

tse di fetogang pula e e tswang

mo mouwaneng wa one;

28e loapi lo e thelang,

lo e thotheletsa mo bathong

ka letlotlo.

29Ee, a mongwe o ka tlhaloganya

diphuthologo tsa maru,

le tutumo ya mogope wa tsharologo

wa one?

30Bona, o phutholola lesedi la one

tikologong ya one;

o khurumetsa boteng jwa lewatle.

31Gonne o atlhola ditšhaba ka dilo tse;

o naya batho dijo ka botlalo.

32O ipipa diatla tsa one ka tladi,

o e laela gore e iteye

fa go laotsweng.

33Loratla lwa yone lo bolela

ka ga one,

le tsone dikgomo lo a di bolelela

ka ga ledimo le le tlogang le tla.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help