PESALEMA 91 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke mohemedi wa me

1Ene yo o agileng

mo felong fa go sa itsiweng

ga Mogodimodimo,

o tlaa nnela ruri fa tlase ga moriti

wa Mothatayotlhe.

2Ke tlaa bua ka ga Jehofa, ke re:

“Ke ene botshabelo jwa me,

le kago ya me ya phemelo;

Modimo wa me o ke o ikantseng.”

3Gonne o tlaa go golola

mo serung sa mothaa-nonyane,

le mo kgogoding ya leroborobo.

4O tlaa go bipa

ka diala tsa gagwe tsa diphuka,

mme o tlaa ya botshabelong

fa tlase ga diphuka tsa gagwe;

boammaaruri jwa gagwe

ke thebe le thejane.

5Ga o ketla o boifa

se se rerang bosigo,

le fa e le motswi

o o thokgoselang motshegare;

6le fa e le kgogodi

e e tsamayang mo fifing;

le fa e le tshenyo e e swafatsang

motshegare o mogolo.

7Go ka wa batho

ba le makgolo a le some

ka fa tlhakoreng lwa gago;

le ba le makgolo a le lekgolo

ka fa letsogong la gago le legolo;

mme wena,

ga go ketla go go atamela.

8Fa e se ka matlho a gago osi fela

o tlaa leba,

mme o bona tefetso ya baikepi.

9Gonne o rile:

“Wena, Jehofa,

o botshabelo jwa me.”

Mogodimodimo

o mo ntshitse bonno jwa gago;

10ga go na bosula bope

jo bo tlaa go welang,

le gone ga go na petso epe

e e tlaa atamelang mogope wa gago.

11 Gonne o tlaa go laelela baengele

ba gagwe, go tla ba go boloka

mo ditsamaong tsotlhe tsa gago.

12 Ba tlaa go legelela

ka diatla tsa bone,

gore e se re gongwe lonao lwa gago

lwa tla lwa sugakanngwa ke lentswe.

13 O tlaa gata tau le noga;

o tlaa sobotlela tawana le šaušawane

tlase ga dinao tsa gago.

14“E re ka a tlhomile lorato

lwa gagwe mo go nna,

ke gone ka moo

ke tlaa mo gololang;

ke tlaa mmaya fa godimo,

ka gobo a itsile leina la me.

15O tlaa mpitsa,

mme ke tlaa mo araba;

ke tlaa nna nae mo tlalelong,

ke tlaa mo golola,

ke tlaa mo tlotla.

16Ke tlaa mo thethebatsa pelo

ka botshelo jo boleele,

ke mo supetsa poloka ya me.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help