DIPALO 24 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1E rile Balaame a bona fa go kgatlhile Jehofa go segofatsa Iseraele, ga a ka a ya go kopana le mereo jaaka ka metlha e mengwe, mme a leba fela kwa nageng.

2Balaame a tsholetsa matlho, a bona Baiseraele ba ntse ka fa ditsong tsa bone, mme mowa wa Modimo wa tla mo go ene.

3A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re:

“Balaame morwa Beore, a re:

Monna yo leitlho la gagwe

le ne le buduletse, a re:

4Go bua ene

yo o utlwang mafoko a Modimo,

yo o bonang ponatshego

ya Mothatayotlhe,

ka a wela fa fatshe

mme a budulogile matlho a re:

5A bo megope ya gago Jakobe

e le mentle!

e bong metlaagana ya gago Iseraele!

6E aname jaaka melapo,

jaaka masimo fa losing lwa noka,

jaaka makgophana

a Jehofa o a tlhomileng,

jaaka ditlhare tsa masetara

fa metsing.

7Metsi a tlaa ela

a tswa mo dinkgwaneng tsa gagwe,

le dipeo tsa gagwe

di tlaa nna mo metsing a le mantsi,

kgosi ya gagwe e tlaa goletsega

go feta Agage,

bogosi jwa gagwe

bo tlaa nna bogolo.

8Modimo wa mo ntsha mo Egepeto;

o na le thata ekete ya nare;

o tlaa ja a swetsa merafe

e e leng baganetsi ba gagwe,

o tlaa robakanya marapo a yone,

a e phololetse ka metswi ya gagwe.

9 A namalala,

a robala jaaka tau

le jaaka tau e namagadi;

e mang yo o tlaa mo tsosang?

Go sego mongwe le mongwe

yo o go segofatsang;

go hutsegile mongwe le mongwe

yo o go hutsang.”

10Bogale jwa ga Balake jwa tukela Balaame, mme a opanya diatla tsa gagwe. Balake a raya Balaame, a re: “Ke go biditse ka re o tle go hutsa baba ba me, bona, o ba segofaditse fela ka dipaka tse tharo tse.

11Ke gone jaanong tshabela kwa ga gago; ke rile ke tlaa go godisetsa kwa tlotlong e kgolo; bona, Jehofa o go kganetse, gore o se bone tlotlo.”

12Balaame a raya Balake a re: “A ga ke a bua le bone barongwa ba gago, ba o ba romileng kwa go nna, ka re:

13‘Le fa Balake a ka nnaya ntlo ya gagwe e tletse selefera le gouta, ga nkake ka tlola lefoko la ga Jehofa, go dira molemo le fa e le bosula ka mogopolo wa me fela, le gore se Jehofa o se buang, ke sone se ke tlaa se buang’?

Polelelopele ya bofelo ya ga Balaame

14“Jaanong, bona, ke ya kwa bathong ba gaetsho; ntlo, ke tlaa go kakanyetsa se batho ba, ba tlaa se direlang batho ba gaeno mo metlheng ya bofelo.”

15A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Balaame morwa Beore, a re:

“Monna yo leitlho la gagwe

le ne le buduletse, a re:

16Go bua ene

yo o utlwang mafoko a Modimo,

a itse kitso ya Mothatayotlhe,

yo o bonang ponatshegelo

ya Mothatayotlhe,

a wela fa fatshe,

matlho a gagwe a budulogile, a re:

17Ke a mmona, e seng jaanong;

ke mo lebile, mme e seng gaufi;

go tlaa tswa naledi mo go Jakobe,

le thobane ya bogosi e tlaa tsoga

e tswa mo go Iseraele;

e tlaa phololetsa

dikgokgotsho tsa Moabe,

e diga bana botlhe ba pheretlho.

18Etome e tlaa nna thuo, le Seire,

ba e neng e le baba ba gagwe,

e tlaa nna thuo;

Iseraele ene a sa ntse a dira

ka bopelokgale.

19Bogosi bo tlaa newa mongwe

yo o tswang mo go Jakobe,

o tlaa senya

masalela a a mo metseng!”

20A leba Amaleke, a bua ka setshwantsho sa gagwe, a re:

“Amaleke e ne e le wa ntlha

mo merafeng;

bokhutlo jwa gagwe

e tlaa nna tshenyego.”

21A leba Mokene, a bua ka setshwantsho sa gagwe, a re:

“Boago jwa gago bo thata,

le setlhaga sa gago

se tlhomilwe mo lefikeng.

22Le fa go ntse jalo

Kaine o tla kgakgabadiwa,

go tsamaye Ašure

a go ise botshwarong.”

23A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re:

“Ao, e mang yo o tlaa tshelang

fa Modimo o dira seo se?

24Dikepe di tlaa tswa

kwa losing lwa Kitime,

di tlaa patika Ašure,

di tlaa patika Ebere,

mme le ene o tlaa ya tshenyegong.”

25Balaame a nanoga a ya a boela kwa ga gagwe, Balake le ene a tsamaya.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help