EKESODO 15 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa ga Moše

1 Foo Moše le bana ba Iseraele ba opelela Jehofa sefela se, ba re:

“Ke tlaa opelela Jehofa

gonne o fentse

ka mo go gakgamatsang.

O latlhetse pitse le mopagami

wa yone mo lewatleng.

2 Jehofa ke thata ya me le sefela,

o bile o diregile poloka ya me;

one ke Modimo wa me,

ke tlaa o baka;

Modimo wa ga rre,

ke tlaa o godisa.

3Jehofa ke monna wa ntwa;

Jehofa ke leina la gagwe.

4O thabueditse dikara tsa ga Faro

mo lewatleng le ntwa ya gagwe;

beng ba mephato ba gagwe

ba ba tlhophegileng

ba nwetse mo Lewatleng

le Lehibidu;

5Madiba a a boteng

a ba khurumeditse;

ba thabuegetse mo ditsibeng

jaaka lentswe.

6Jehofa, letsogo la gago le le siameng

le tlotlometse mo thateng,

Jehofa, letsogo la gago le legolo

le tle le rabanye mmaba.

7Mo bogolong jwa borena jwa gago

o ribegetsa ba ba go tsogelang;

o tle o ntshetse

bogale jwa gago kwa ntle,

bo ba laile jaaka dirite.

8Metsi a nna a tlhatlaganngwa

ke pudulo ya dinko tsa gago,

merwalela ya ema e tsepaletse

e le mekoakoa fela;

madiba a a boteng

a gatsela mo pelong ya lewatle.

9Mmaba a re:

‘Ke tlaa ba konatelela

ke ba tshwara,

ke tlaa aba thopo:

thato ya me e tlaa kgora

mo go bone;

ke tlaa somola tšhaka ya me,

seatla sa me se tlaa ba senya.’

10Wa budula ka phefo ya gago

lewatle la ba khurumetsa;

ba nwela jaaka lotwe

mo metsing a a thata e kgolo.

11Jehofa, e mang yo o tshwanang nao

mo medimong?

E mang yo o tshwanang nao,

o le kgalalelo mo boitshepong,

o le poitshego mo dipakong,

o dira dikgakgamatso?

12O otlolotse letsogo la gago le legolo

lefatshe la ba kometsa.

13Ka boutlwelo botlhoko jwa gago

o gogile tšhaba e o e rekolotseng;

o e gogetse kwa bonnong jwa gago

jo bo itshepileng

ka thata ya gago.

14Ditšhaba di utlwile di a roroma;

metlotsedi e tshwere

banni ba Filisitia.

15Foo dikgosana tsa Etome

tsa tseanngwa,

banna ba ba thata ba Moabe

thoromo e ba tshwere;

banni botlhe ba Kanana

ba kaologile.

16Therego ya ba wela le tlakaselo;

ka bogolo jwa letsogo la gago

ba tuuletse fela jaaka lentswe;

go tsamaye tšhaba ya gago Jehofa,

e kgabaganye,

go tsamaye tšhaba e o e rekileng

e kgabaganye.

17O tlaa ba fitlhisa o ba tlhoma

mo thabeng ya boswa jwa gago,

e bong mo felong

fa o go itiretseng

go tla o a ga gone Jehofa,

felo ga boitshepo fa diatla tsa gago

di go tlhomamisitseng,

wena Jehofa.

18Jehofa o tlaa busa

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”

Sefela sa ga Miriame

19Ya re dipitse tsa ga Faro di tsena mo lewatleng le dikara tsa gagwe, di na le bapagami ba dipitse ba gagwe, Jehofa a busetsa metsi a lewatle mo go bone; bana ba Iseraele ba tsamaya lefatshe le le omeletseng fela mo gare ga lewatle.

20Miriame moperofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana, le basadi botlhe ba mo sala morago ka meropana le ka dipina.

21Miriame a ba fetola a re:

“Opelelang Jehofa

gonne o fentse

ka mo go gakgamatsang;

o konopetse pitse

le mopagami wa yone

mo lewatleng.”

Metsi a a botlhoko

22Jalo Moše a gogela Iseraele kwa pele, ba tswa Lewatleng le Lehibidu, ba tswela kwa nageng ya Shure; ba tsamaya malatsi a le mararo mo nageng, ba sa bone metsi.

23E rile ba tla mo Mara, ba retelelwa ke go nwa metsi a Mara ka a ne a le botlhoko; leina la gone la bidiwa Mara ka ntlha ya gone moo.

24Batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tlaa nwa eng?”

25A tlhaeleletsa kwa go Jehofa; Jehofa a mo supetsa setlhare, e rile a se latlhela mo metsing, metsi a nna monate fela. A ba tlhomela molao le tao gone foo, a ba leka,

26a re: “Fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, o ba o dira se se siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, ga nketla ke go baya bolwetse bope jwa malwetse a ke a beetseng Baegepeto; gonne ke nna Jehofa yo ke go fodisang.”

27Ba fitlha mo Elime kwa go neng go le metswedi e le 12 ya metsi, le ditlhare tsa makolane di le 70 gone; ba thibelela gone fa metsing.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help