1Bonang, go molemo jang,
go monate jang,
fa bana ba monna ba aga mmogo
ka pelo nngwe fela.
2Go tshwana jaaka lookwane
lo lo tlhokegang lo le mo tlhogong,
lwa repelelela le kwa ditedung,
e bong ditedu tsa ga Arone;
lwa ba lwa fologela le kwa
dipeeleding tsa diaparo tsa gagwe;
3go tshwana jaaka monyo wa
Heremone, o o fologelang
mo dithabeng tsa Sione;
gonne Jehofa o laoletse tshegofatso
gone,
e bong botshelo ka bosakhutleng.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
