JEREMIA 23 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tsholofetso ya motlha o o tlang

1“A bo go latlhega badisa ba ba senyang ba falatsa dinku tsa bohulo jwa me!” Go bua Jehofa.

2Ke gone ka moo Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana ka ga badisa ba ba otlang batho ba me, a re: “Lo faladitse letsomane la me, lo ba lelekile, mme ga lo a ka lwa ba tlhola; bonang, ke tlaa lo sekisetsa bosula jwa ditiro tsa lona,” go bua Jehofa.

3“Ke tlaa phutha malotsi a letsomane la me, ke a ntsha kwa mafatsheng kwa ke a leleketseng teng, ke tlaa ba ke a bosetsa mo marakaneng a one, a tlaa bona lotsalo a ntsifala.

4Ke tlaa tlhoma badisa mo go one ba ba tlaa a otlang; ga a ketla a tlhola a boifa, le fa e le go tseana, le gone ga go ketla go tlhokafala lepe,” go bua Jehofa.

5 “Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa tsosetsang Dafite Letlhogela la tshiamo ka yone, mme o tlaa busa jaaka kgosi, a ba a dira ka botlhale, o tlaa dirafatsa katlholo le tshiamiso mo lefatsheng.

6E tlaa re mo metlheng ya gagwe Juta o tlaa bolokwa, Iseraele o tlaa aga ka thagamo; mme le, ke lone leina la gagwe le o tlaa bidiwang ka lone, go twe: ‘Jehofa ke tshiamo ya rona.’

7Ke gone, bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, a re: “Ga ba ketla ba tlhola ba bua, ba re: ‘Jaaka Jehofa a tshedile, yo o tlhatlositseng bana ba Iseraele mo lefatsheng la Egepeto;’

8fa e se go re: ‘Jaaka Jehofa a tshedile, yo o tlhatlositseng, a goga losika lwa ntlo ya Iseraele, a lo ntsha mo lefatsheng la botsheka, le mo mafatsheng otlhe kwa ke ne ke ba leleketse teng;’ mme ba tlaa aga mo lefatsheng la ga bone.”

Molaetsa wa ga Jeremia ka ga baperofeti

9Ka ga baperofeti.

Pelo ya me mo teng ga me

e phatlogile,

marapo a me otlhe

a a phamphanyega,

ke ntse jaaka motho yo o tagilweng,

le jaaka yo bojalwa jwa mofine

bo mo fentseng;

ka ntlha ya ga Jehofa,

le ka ntlha ya mafoko a gagwe

a a boitshepo.

10Gonne lefatshe le tletse bagokafadi;

gonne lefatshe le a lela

ka ntlha ya go rogakana;

mafulo a naga a omeletse;

go lemala ga bone go bosula,

le nonofo ya bone ga e a siama.

11“Gonne go le moperofeti

go le moperesiti

ba tlhapafetse botlhe,

ee, ke fitlhetse boikepo jwa bone

mo ntlong ya me,” go bua Jehofa.

12“Ke gone ka moo tsela ya bone

e tlaa nnang jaaka mareledi

mo lefifing;

ba tlaa kgweelediwa kwa pele,

mme ba tlaa wa mo go one;

gonne ke tlaa lere bosula mo go

bone, e bong ngwaga

wa tshekiso ya bone,”

go bua Jehofa.

13“Ke bonye boeleele

mo baperofeting ba Samaria;

ba ne ba perofesa ka Baale,

ba timetsa Baiseraele batho ba me.

14 Le mo baperofeting ba Jerusalema

ke bonye selo

se se tsitlisang marapo;

ba a akafala, ba sepela ka maaka,

ba thatafatsa diatla

tsa badira bosula,

mme go bo go se ope

yo o boang

mo boikepong jwa gagwe:

botlhe fela ba fetogile,

ba ntse jaaka Sotoma mo go nna,

le banni ba teng

ba ntse jaaka Gomora.”

15Ke gone ka moo Jehofa wa masomosomo o buang jaana ka ga baperofeti, a re:

“Bonang, ke tlaa ba jesa longana,

ke tlaa ba nosa metsi a santlhokwe;

gonne go tlhapatsa go dule

mo baperofeting ba Jerusalema,

go ile le lefatshe lotlhe fela.”

16Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Lo se ka lwa reetsa mafoko a baperofeti ba ba lo perofesetsang; ba lo ruta boithamako; ba bua ponatshegelo ya pelo ya bone fela, e seng e e tswang mo molomong wa ga Jehofa.

17Ba tlhola ba ntse ba raya ba ba nnyatsang, ba re: ‘Jehofa o rile lo tlaa bona kagiso;’ ba reye mongwe le mongwe yo o sepelang ka fa logwading lwa pelo ya gagwe, ba re: ‘Ga go na bosula bope jo bo tlaa tlang mo go lona.’

18“Gonne e mang yo o kileng a ema le ba lekgotla la ga Jehofa, gore a lemoge a utlwe lefoko la gagwe? E mang yo o kileng a tlhokomela lefoko la me go le utlwa?

19Bonang ledimo la ga Jehofa, e bong tšararego ya gagwe, le tsogile. Ee, ke ledimo le le sokeletsang; le tlaa thubegela mo tlhogong ya baikepi.

20Bogale jwa ga Jehofa ga bo ketla bo bowa, go tsamaya a dirafatsa, le go tsamaya a dira maikaelelo a pelo ya gagwe; mo metlheng ya bofelo lo tlaa se tlhaloganya ka botlalo.

21“Ga ke a roma baperofeti ba, le fa go ntse jalo ba tabogile; ga ke a bua nabo, le fa go ntse jalo, ba perofesitse.

22Fa ba ka bo ba eme le ba lekgotla la me, foo ba ka bo ba utlwisitse batho ba me mafoko a me, ba ka bo ba ba busitse mo tseleng ya bone e e bosula, le mo bosuleng jwa ditiro tsa bone.

23“A ke Modimo wa bogaufi,” go bua Jehofa, “mme ke se Modimo wa kwa kgakala?

24A mongwe o ka iphitlha mo mafelong a a sa itsiweng ke sa mmone?” go bua Jehofa. “A ga ke a tlala ka legodimo le ka lefatshe?” Go bua Jehofa.

25“Ke utlwile se baperofeti ba se buileng, ba ba perofesang maaka ka leina la me, ba re: ‘Ke lorile, ke lorile.’

26Selo se se tlaa nna mo pelong ya baperofeti ba ba perofesang maaka, goleele go le kaye; e bong baperofeti ba tsietso ya pelo tsa bone fela?

27Ba ba itlhomang ba tlaa lebatsa batho ba me leina la me ka ditoro, tse mongwe le mongwe o di bolelelang wa ga gabo, jaaka borraabo ba ne ba lebala leina la me ka Baale.

28Moperofeti yo o nang le toro a bolele toro; le yo o nang le lefoko la me, a bue lefoko la me ka boikanngo. Motlhaka ke eng fa o ka tshwantshiwa le mabele?” Go bua Jehofa.

29“A lefoko la me ga le a nna jaaka molelo?” Go bua Jehofa; “le jaaka noto e e thubaganyang lefika?

30Ke gone bonang, ke tlhabana le baperofeti ba ba utswang mafoko a me,” go bua Jehofa, “mongwe le mongwe a a utswe mo go wa ga gabo.

31Bonang, ke tlhabana le baperofeti,” go bua Jehofa, “ba ba buang ka diteme tsa bone ba re: ‘A re.’

32Bonang, ke tlhabana le ba ba perofesang ditoro tsa maaka,” go bua Jehofa, “ba di bolele, ba timetse batho ba me ka maaka a bone, le ka go ipelafatsa ga bone ga boithamako; le fa go ntse jalo ga ke a ba roma, le fa e le go ba laola; le gone ga ba ketla ba thusa batho ba sepe.” Go bua Jehofa.

Baperofeti ke morwalo wa Morena

33“Mogang batho ba, kgotsa moperofeti, kgotsa moperesiti, ba tlaa go botsang, ba re: ‘Molaetsa wa ga Jehofa ke eng?’ Foo o ba reye o re: ‘Molaetsa ofe? Ke tlaa lo latlha, go bua Jehofa.’

34Ka ga moperofeti, le moperesiti, le batho ba ba buang, ba re: ‘Molaetsa wa ga Jehofa ke o,’ ke tlaa betsa motho yoo fela le ntlo ya gagwe.

35A mongwe le mongwe a bue jaana le wa ga gabo, le mongwe le mongwe a bue le ngwana a rraagwe, a re: ‘Jehofa, o fetotse jang?’ le go re: ‘Jehofa o buileng?’

36Lo se ka lwa tlhola lo umaka molaetsa wa ga Jehofa; gonne lefoko la motho mongwe le mongwe e tlaa nna lone molaetsa wa gagwe; gonne lo sentse mafoko a Modimo o o tshedileng, a ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa rona.

37O reye moperofeti jaana, o re: ‘Jehofa o go fetotse jang?’ Le go re: ‘Jehofa o buileng?’

38E tlaa re fa lo re: ‘Molaetsa wa ga Jehofa;’ ke gone Jehofa o buang jaana; a re: ‘E re ka lo bua lefoko le, e bong Molaetsa wa ga Jehofa, mme nna ke romile kwa go lona, ka re; Lo se ka lwa bua lwa re: Molaetsa wa ga Jehofa;’

39ke gone bonang, ke tlaa lo lebalela ruri, ke tlaa lo latlhela koo, le motse o ke o lo neileng le borraeno, lo tlaa tloga fa pele ga me.

40Ke tlaa lere kgobo e e sa khutleng mo go lona, le ditlhong tse di sa yeng kae, tse di se ketlang di lebalwa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help