PESALEMA 29 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lentswe la Morena mo matsubutsubungPesalema ya ga Dafite.

1 Nayang Jehofa,

lona bomorwa ba ba thata,

nayang Jehofa kgalalelo le nonofo.

2Nayang Jehofa kgalalelo

e e tshwanetseng leina la gagwe;

obamelang Jehofa

mo bontleng jwa boitshepo.

3Lentswe la ga Jehofa

le mo godimo ga metsi;

Modimo wa kgalalelo

o dumisa maru,

e bong ene Jehofa

mo godimo ga metsi a magolo.

4Lentswe la ga Jehofa le nonofile;

lentswe la ga Jehofa le tletse borena.

5Lentswe la ga Jehofa

le roba ditlhare tsa masetara;

ee, Jehofa o robaganya masetara

a Lebanone.

6O bile o a kalapisa jaaka namane;

Lebanone le Sirione

jaaka pholwana ya nare.

7Lentswe la ga Jehofa le fatoganya

dikgabo tsa molelo.

8Lentswe la ga Jehofa

le roromisa naga;

Jehofa o roromisa naga ya Kateša.

9Lentswe la ga Jehofa

le tsadisa ditshephe,

le be le fotlhele dikgwa ruri;

mme mo tempeleng ya gagwe dilo

tsotlhe tsa re: “Kgalalelo!”

10Jehofa o ne a dutse

e le kgosi kwa morwaleleng;

ee, Jehofa o dutse e le kgosi

ka bosakhutleng.

11Jehofa o tlaa naya batho ba gagwe

nonofo;

Jehofa o tlaa segofatsa batho

ba gagwe ka kagiso.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help