1Nna bagaetsho, e rile ke ya koo go lona, ka bo ke sa ye ka bontle jwa puo, le fa e le jwa botlhale, ke lo bolelela bosaitsiweng jwa Modimo.
2Gonne ke ne ke ikaeletse gore ga nketla ke itse sepe mo go lona, fa e se Jesu Keresete, le ene a bapotswe.
3 Ka nna le lona ke le mo bokoeng, le mo poifong, le mo bogolong jwa thoromo.
4Puo ya me le go rera ga me, ga se ka ga ema ka mafoko a a mafatshwa a botlhale, fa e se ka tshupetso ya Mowa, le ya nonofo,
5gore tumelo ya lona e se ka ya ema mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela.
Botlhale jwa Modimo6Le fa go ntse jalo re bua botlhale mo go ba ba itekanetseng; mme e be e le botlhale bongwe jo e seng jwa lefatshe leno, le fa e le jwa babusi ba lefatshe leno, ba ba tswang lefela fela.
7Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo.
8E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo.
9 Re bua fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dilo tse leitlho le se kang la di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pelong ya motho, e bong dilo tsotlhe tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.”
10Modimo o di senoletse rona ka Mowa. Gonne Mowa o tlhatlhoba dilo tsotlhe, ee, le dilo tse di boteng tsa Modimo.
11Gonne e mang mo bathong yo o itseng dilo tsa motho, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Go ntse fela jalo le dilo tsa Modimo, ga go ope yo o di itseng, fa e se Mowa wa Modimo.
12Rona re amogetse mowa o e seng wa lefatshe, e le mowa o e leng wa Modimo; gore re tle re itse dilo tse re di newang fela ke Modimo.
13E le dilo tse re bileng re di bua, e seng ka puo e re e rutwang ke botlhale jwa motho, e le e re e rutwang ke Mowa, re tshwantsha dilo tsa semowa ka dilo tsa semowa.
14Jaana yo e leng motho wa tlholego, ga a amogele dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne ke dinyana mo go ene; mme ga a ka ke a di itse, ka di sekasekwa ka fa mokgweng wa semowa.
15Mme yo e leng wa semowa o sekaseka dilo tsotlhe, mme ene ka esi ga a sekasekwe ke motho ope.
16 Gonne mang yo o itsileng mogopolo wa Morena, fa e bo ne ne a ka mo ruta? Mme rona re na le mogopolo wa ga Keresete.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.