HOSEA 11 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lorato lwa Morena mo go ba ba tsuololang

1 “E rile Iseraele a sa le ngwanyana

ka bo ke mo rata,

mme ka bitsa morwaake

a tswe kwa Egepeto.

2Fela jaaka ba ne ba ba bitsa,

ba bo ba tloga

ba tswa mo go bone jalo;

ba ya ba isetsa Bobaale ditlhabelo,

ba fisetsa ditshwantsho

tse di setilweng maswalo.

3Le fa go ntse jalo

ka lekisa Eferaime

go tsamaya ka dinao;

ka ba tshola mo mabogong a me;

mme ba bo ba sa itse

fa ke ba fodisa.

4Ka ba goga ka megala ya motho,

ka dikgole tsa lorato;

ka ba ka nna mo go bone

ke ntse jaaka ba ba tlosang jokwe

mo ditlhaeng tsa bone,

mme ka baya dijo

fa pele ga bone.

5“Ga a ketla a boela kwa lefatsheng la Egepeto; mme Moasiria o tlaa nna kgosi ya gagwe, ka ba ganne go bowa.

6Tšhaka e tlaa wela metse ya gagwe, e tlaa nyeletsa mephakalego ya gagwe, mme e tlaa e suputsa, ka ntlha ya dikgakololo tse e leng tsa bone.

7Batho ba me ba lemaletse kwa go ntenegeleng; le fa ba biletsa kwa go se se kwa godimo, ga go na ope yo o tlaa mo tsholetsang ka gope.

8 Ana ke tlaa go tlhoboga jang, Eferaime?

“Ke tlaa go neela batho jang

Iseraele?

ke tlaa go dira jang

wa nna jaaka Atema?

Ke tlaa go baya jang

jaaka Seboime?

Pelo ya me e a gana mo teng ga me,

mapelotlhomogi a me

a tuka mmogo.

9Ga nketla ke dirafatsa

tšhakgalo ya bogale jwa me,

ga nketla ke boa

ke ya go senya Eferaime;

gonne ke Modimo e seng motho;

ke Moitshepi mo gare ga gago;

mme ga nketla ke tsena ka bogale.

10“Ba tlaa sala Jehofa morago, yo o tlaa dumang jaaka tau; gonne o tlaa duma, mme bana ba tlaa tswa bophirimatsatsi ba roroma.

11Ba tlaa tswa kwa Egepeto ba roroma jaaka nonyane, le jaaka lephoi kwa lefatsheng la Asiria; mme ke tlaa ba agisa mo matlong a bone, go bua Jehofa.

Iseraele le Juta ba a kgalwa

12“Eferaime o ntsentse gare ka maaka, le ba ntlo ya Juta ka tsietso; mme Juta o sa ntse a busa le Modimo, le Moitshepi yo o leng boikanngo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help