HOSEA 14 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Hosea o ikuela mo go Iseraele go boela mo Moreneng

1Iseraele we, boela mo go Jehofa Modimo wa gago; gonne o ole ka boikepo jwa gago.

2Yang le mafoko, lo boele mo go Jehofa; lo mo reye lo re: “Tlosa boikepo jotlhe, mme o amogele se se molemo; jalo re tlaa isa tshupelo ya melomo ya rona jaaka e ka bo e le dikgomo.

3Ašure ga a ketla a re boloka; re tlaa gana go palama dipitse; le gone ga re ketla re tlhola re raya tiro ya diatla tsa rona re re: ‘Lo medimo ya rona;’ gonne lesiela le bona kutlwelobotlhoko mo go wena.”

4“Ke tlaa fodisa tenego ya bone,

ke tlaa ba rata

ka go thama ga pelo fela;

gonne bogale jwa me

bo mo fapogile.

5Ke tlaa nna jaaka monyo

mo go Iseraele;

o tlaa thunya

jaaka thunyo ya lesoma,

mme o tlaa nama metswe

jaaka Lebanone.

6Dikala tsa gagwe

di tlaa nna maphatladika,

le bontle jwa gagwe

bo tlaa nna jaaka jwa motlhware

le lonko lwa gagwe

jaaka lwa Lebanone.

7Ba ba agileng

fa tlase ga moriti wa gagwe

ba tlaa boa;

ba tlaa rulwa jaaka mabele,

ba thunya jaaka mofine.

Lonko lwa gagwe

lo tlaa nna jaaka lwa bojalwa

jwa mofine jwa Lebanone.

8Eferaime o tlaa re:

‘Ke sa tlhola ke dirang

ka ditshwantsho tse di setilweng?’

Ke mo arabile,

mme ke tlaa mo tlhokomela;

ke ntse jaaka setlhare sa mofira

o motala;

loungo lwa gago

lo bonwa mo go nna.”

9Yo o botlhale ke mang, mme o tlaa tlhaloganya dilo tse? Le yo o bonokopela, mme o tlaa di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di siame, mme ba ba tshiamo ba tlaa sepela mo go tsone; batlhodi bone, ba tlaa wa mo go tsone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help