TSHENOLO 17 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tshekiso ya seaka se segolo

1 Ga tla mongwe wa baengele ba supa, ba ba tshotseng megotšana e supa, a nthaya a re: “Tla kwano, ke tlaa go supetsa tshekiso ya seaka se segolo se se dutseng mo metsing a mantsi;

2 se dikgosi tsa lefatshe di gokagetseng naso, le ba ba agileng mo lefatsheng ba ne ba tagisiwa ke bojalwa jwa kgokafalo ya sone.”

3 Mme a ntsaya a nkisa kwa gare ga naga ke le mo moweng; ka ya ka bona mosadi a pagame sebatana sengwe se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo, se bile se tletse maina a tlhapatso, se le ditlhogo di supa le dinaka di le some.

4 Mosadi a bo a apere bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, a kgabisitswe ka gouta le majana a a tlhokegang le diperela, a tshotse mo seatleng senwelo sa gouta se se tletseng tse di makgapha, e bong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe.

5Mo phatleng ya gagwe ga bo go kwadilwe leina go twe: “Boteng, Babilone o mogolo, mma diaka, le mma makgapha a lefatshe.”

6Ka bona mosadi fa a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a basupi ba ga Jesu. Mme ya re ke mmona ka gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.

7Moengele a nthaya a re: “O ne o gakgamalelang? Ke tlaa go bolelela boteng jwa mosadi yo, le jwa sebatana se o se pagameng, se se ditlhogo di supa le dinaka di some.

8 Sebatana se o se bonyeng se ne se leyo, mme ga se tlhole se leyo; se tloga se tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekeletso, se ya tatlhegong. Ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa gakgamala, e bong bone ba e sa leng ka lefatshe le thaiwa, maina a bone a se kang a kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, ba tlaa gakgamala mogang ba bonang sebatana, ka fa se ne se le yo ka teng, se se tlhole se le yo, e bile se tloga se tla.

9“Mogopolo o o nang le botlhale ke one o. Ditlhogo di supa ke dithaba di supa tse mosadi o dutseng mo go tsone;

10e bile ke dikgosi di supa; tse tlhano di setse di ole, e nngwe e sa le teng, e nngwe ga e ise e tle; mogang e tlang, e na le go nna ka lobakanyana.

11Le sebatana se se neng se le yo, le sone ka sosi ke kgosi nngwe ya 8, ke yoo rra tsone tse supa; e ya tatlhegong.

12 “Dinaka tse some tse o di bonyeng, ke dikgosi di le some, tse gompieno di iseng di amogele bogosi bope; di amogela taolo jaaka dikgosi, di pataganye le sebatana ka nako e le nngwe fela.

13Dikgosi tse, di maikutlo a le mangwe fela, di naya sebatana thata ya tsone le taolo.

14Tse, di tlaa tlhabana le Kwana, mme Kwana o tlaa di fenya, gonne ke ene Morena wa barena, le Kgosi ya dikgosi; le bone ba o nang nabo, ba tlaa fenya e le ba ba biditsweng, ba itshenketswe, ba boikanngo.”

15Mme a nthaya a re: “Metsi a o a bonyeng kwa seaka se dutseng teng, ke ditšhaba, le boidiidi jwa batho, le merafe, le dipuo.

16Mme dinaka tse some tse o di bonyeng, le sone sebatana, di tlaa ila seaka seo, di tlaa se dira tshwafatso le bosaikatega, di tlaa ja nama ya sone, di se fisetsa ruri ka molelo.

17Gonne Modimo o gakolotse dipelo tsa tsone go tla di dira maikutlo a one, le gore di nne boikutlo bo le bongwe fela, di be di neye sebatana bogosi jwa tsone, go tle go tsamaye mafoko a Modimo a dirafale.

18“Mosadi yo o mmonyeng ke motse o mogolo, o o busang dikgosi tsa lefatshe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help