MALAKI 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Letsatsi la Morena le etla

1“Gonne motlha o etla, o tuka jaaka leiso la boubelo; botlhe ba ba bokaka, le botlhe ba ba dirang boikepo ba tlaa nna dirine; motlha o o tlang o tlaa ba laila,” go bua Jehofa wa masomosomo, “ga o ketla o ba tlogelela le fa e le motswe kgotsa kala.

2Mme lona lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tlaa lo tlhabela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme lo tswela kwa ntle, lo kalapa jaaka dinamane tsa lesaka.

3Lo tlaa gataka baikepi; gonne ba tlaa nna melora fa tlase ga dinao tsa lona mo motlheng o ke dirang selo se ka one,” go bua Jehofa wa masomosomo.

4“Gakologelwang molao wa ga Moše motlhanka wa me, o ke o mo laoletseng kwa Horebe ka ga Baiseraele botlhe, e bong ditao le dikatlholo.

5“Bonang, ke tlaa roma Elija moperofeti kwa go lona pele, motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.

6Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana mo baneng ba bone, le pelo ya bana kwa go borraabo; e se re kgotsa ka tla, mme ka itaya lefatshe ka phutso.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help