MIKA 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Jaanong o tlaa iphutha,

o nna ditlhopha,

wena morwadia ditlhopha;

o re tlhasetse,

ba tlaa kanya kgosi ya Iseraele

mo lesameng ka thupa.

Modimo o solofetsa Baiseraele kgosi e e tswang Bethelehema

2 “Wena Bethelehema Eferatha,

yo o leng mmotlana

mo go makgolokgolo a Juta,

mo go wena go tlaa ntswela

mongwe yo o tlaa nnang molaodi

mo Iseraele;

yo matso a gagwe

a sa leng a nna a bogologolo,

e bong ka go se nang tshimologo.”

3Ke gone ka moo

o tlaa ba tlhobogang,

ene yo o mo metlotseding

a ba a tla a belega;

foo makunantshane a bana

ba ga rraagwe

a tlaa boela kwa baneng ba Iseraele.

4O tlaa ema,

mme o tlaa fudisa letsomane

la gagwe ka thata ya ga Jehofa,

ka tlotlomalo ya leina

la ga Jehofa Modimo wa gagwe;

mme ba tlaa nna;

gonne jaanong o tlaa nna mogolo

le go ya dikhutlong tsa lefatshe.

5Mme monna yoo

e tlaa nna ene kagiso ya rona.

Kgololo le kwatlhao

Mogang Moasiria o tlang

mo lefatsheng la rona,

le mogang o gatang

mo matlong a rona a dikgosi,

foo re tlaa mo tsosetsa

badisa basupa,

le banna ba bagolwane

ba ba ferang e le mabedi.

6 Mme ba tlaa lakaila

lefatshe la Asiria ka tšhaka,

le lefatshe la Nimerote

mo dikgorong tsa lone;

mme o tlaa re golola

mo Moasirieng,

mogang o tlang

mo lefatsheng la rona,

le mogang o gatang

mo teng ga molelwane wa rona.

7Le masalela a ga Jakobe

a tlaa nna mo gare ga ditšhaba

di le dintsi, jaaka monyo

o o tswang kwa go Jehofa,

jaaka medupe mo bojannyeng;

e e sa diegeleng motho,

le fa e le go leta bana ba batho.

8Maselela a ga Jakobe

a tlaa nna mo merafeng,

mo gare ga ditšhaba di le dintsi,

jaaka tau

mo gare ga diphologolo tsa sekgwa,

jaaka tawana

mo matsomaneng a dinku,

e e a reng e ralala e be e gatake,

e gagole, mme go bo go se na ope

yo o gololang.

9A seatla sa gago se tsholelediwe

godimo ga baba ba gago,

mme a baba botlhe ba gago

ba kgaolwe.

10“Go tlaa dirala mo motlheng oo,”

go bua Jehofa,

“go re ke tlaa kgaola dipitse

tsa gago

di tswa mo gare ga gago,

ke ba ke senya dikara tsa gago.

11Ke tlaa kgaola metse

ya lefatshe la gago,

ke tlaa rutla dikago tsotlhe

tsa gago tsa phemelo tse di thata.

12Ke tlaa kgaola ke tlosa boloi

mo seatleng sa gago;

mme ga o ketla o tlhola o dira

le baswabi ba ditiro.

13Ke tlaa kgaola ke tlosa

ditshwantsho tsa gago

tse di setilweng,

le maje a a emeng motloutlo

a gago mo gare ga gago;

mme ga o ketla o tlhola o obamela

tiro ya diatla tsa gago.

14Ke tlaa khumola

ke tlosa Medimako ya gago

mo gare ga gago,

ke tlaa senya metse ya gago.

15Ke tlaa dirafatsa pusoloso

ka bogale le mo merafeng

e e se kang ya reetsa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help