1E rile mo metlheng eo Hesekia a lwala ga go swa. Isaia moperofeti morwa Amose a tla kwa go ene a mo raya a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘Baakanya ntlo ya gago, gonne o tlaa swa, ga o ketla o tshela.’ ”
2Foo a ithetololela sefatlhogo kwa lomoteng a rapela Jehofa a re:
3“Jehofa, kea go rapela, a ko o gakologelwe jaaka ke sepetse fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo e e itekanetseng, ke dirile se se molemo mo ponong ya gago.” Hesekia a lela mo go botlhoko.
4Ga dirala ya re Isaia a ise a fitlhe kwa bogareng ga motse, lefoko la ga Jehofa la tla kwa go ene la re:
5“Boa, o reye Hesekia kgosana ya batho ba me o re: Jehofa Modimo wa ga Dafite rraago o bua jaana, a re: ‘Ke utlwile morapelo wa gago, ke bonye dikeledi tsa gago; bona, ke tlaa go fodisa; o tlaa re ka letsasi la boraro o ye kwa ntlong ya ga Jehofa.
6Ke tlaa oketsa malatsi a gago ka dinyaga di le 15, ke tlaa go golola le motse ono mo seatleng sa kgosi ya Asiria; ke tlaa tlhabanela motse ono ka ntlha ya me, le ka ntlha ya motlhanka wa me Dafite.’ ”
7Isaia a re: “Tsayang mongoloi wa difeige.” Mme ba o tsaya ba o baya mo sesong, mme a fola.
8Hesekia a raya Isaia a re: “Sesupo e tlaa nna eng sa go re Jehofa o tlaa mphodisa, le sa go re ke tlaa ya kwa ntlong ya ga Jehofa ka letsatsi la boraro?”
9Isaia a re: “Selo se e tlaa nna sesupo mo go wena se se tswang mo go Jehofa, sa go re Jehofa o tlaa dira selo se o se buileng: a ke moriti o ka sutela kwa pele direpudi di le some, kgotsa o ka boela kwa morago direpudi di le some?”
10Hesekia a mo fetola a re: “Go bofefo mo moriting go fologa direpudi di le some; nnyaa, a moriti o boele kwa morago direpudi di le some.”
11Isaia moperofeti a goela kwa go Jehofa: mme a busetsa moriti kwa morago direpudi di le some, tse o ne o fologile ka tsone mo direpuding tsa ga Ahase.
Barongwa ba ba tswang Babilone(Isaia 39:1-8)12E rile ka motlha oo Berotake-balatane, morwa Balatane, kgosi ya Babilone, a romela dikwalo le dineo kwa go Hesekia, gonne a utlwile fa Hesekia a lwala.
13Mme Hesekia a ba reetsa, a ba supetsa ntlo yotlhe ya dilo tsa gagwe tse di tlhokegang: selefera, gouta, ditswaiso, lookwane lo lo tlhokegang, ntlo ya dibolao tsa gagwe, le tsotlhe tse di bonyweng mo dikhumong tsa gagwe; go ne go se na sepe mo ntlong ya gagwe, le mo bogosing jotlhe jwa gagwe, se Hesekia, o se kang a se ba supetsa.
14Foo ga tla Isaia moperofeti kwa go kgosi Hesekia, a mo raya a re: “Banna bao ba rileng? Ba tsile mo go wena ba tswa kae?” Hesekia a re: “Ba tswa lefatsheng le le kgakala, e bong kwa Babilone.”
15A re: “Ba bonye eng mo ntlong ya gago?” Hesekia a mo fetola a re: “Tsotlhe tse di mo ntlong ya me ba di bonye; ga go na sepe mo dikhumong tsa me se ke sa se ba supetsang.”
16Isaia a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la ga Jehofa.
17 Bona, motlha o e tla, mogang dilo tsotlhe tse di mo ntlong ya gago, le tse borraago ba di beileng mo polokelong le gompieno, di tlaa isiwang kwa Babilone; ga go ketla go sala sepe, go bua Jehofa.
18 Le bomorwao ba ba tswang mo go wena, ba o tlaa ba tsalang, ba tlaa ba tlosa; mme ba tlaa nna baopafadiwi mo ntlong ya segosi ya kgosi ya Babilone.”
19Foo Hesekia a raya Isaia a re: “Lefoko la ga Jehofa le molemo le o le buileng.” Gape, a re: “A ga go ka nne go nna jalo, fa go tlaa na kagiso le boammaaruri mo metlheng ya me?”
Bokhutlo jwa puso ya ga Hesekia(2 Ditiraf 32:32-33)20Ditiro tse dingwe tsa ga Hesekia le bonatla jotlhe jwa gagwe, le jaaka a ne a dira lekadiba le mosele, a tlisa metsi mo motseng, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
21Mme Hesekia a robala le borraagwe; mme Manase morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.