1Ke a go laya mo ponong ya Modimo, le ya ga Keresete Jesu, yo o tlaa atlholang batshedi le baswi le ka go bonatshega ga gagwe, le ka bogosi jwa gagwe, ka re:
2Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka; o tlhotlhomise, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta.
3Gonne motlha o tlaa tla o ba se ketlang ba iteseletsa go utlwa thuto e e itekanetseng ka one; mme e re ka ba le ditsebe tse di babanyegang, ba tlaa ikgobokanyetsa baruti ba ba ka fa dikgatlhegong tsa bone.
4Ba tlaa itsubula mo boammaaruring, ba fapogela kwa mainaneng.
5Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.
6Gonne nna ke setse ke isiwa tshupelo le jaana, le lobaka lwa go tloga ga me lo fitlhile.
7Ke tlhabanye ntwa e e molemo, ke digetse sebaka sa tshiano, ke bolokile tumelo.
8Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnanyang mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.
Ditaelo tse di amang Paulo ka sebele9O tle o leke go akofa o tla kwa go nna;
10 gonne Demase o ntatlhile, ka a ratile lefatshe leno, o ile Thesalonika; Keresense o ile Galatia; Tito o ile Dalematia.
11 Ke na le Luke a le esi. Tsaya Mareko o tle nae, gonne o molemo mo go nna mo go direleng.
12 Ke romile Tukiko kwa Efeso.
13 Kobo e ke e tlogetseng mo go Karepo kwa Teroase, o re o tla o tle nayo, le dikwalo, bogolo tsa matlalo.
14 Alekesantere mothudi wa kgotlho o ntiretse bosula jo bogolo; Morena o tlaa mo direla ka fa tirong tsa gagwe.
15Le wena o mo tlhalefe; gonne o ganeditse mafoko a rona thata.
16E rile mo go ikarabeleng ga me ga ntlha, ga go a ka ga dira le ope yo o mpatang, mme botlhe ba ntatlha fela. A ba ke ba se ka ba bewa molato wa gone.
17Mme Morena o ne a ema fa go nna, a ba a nnaya thata; e le gore taetso e tle e bolelwe ka botlalo ka nna, le gore Baditšhaba botlhe ba utlwe; ka gololwa mo molomong wa tau.
18Morena o tlaa nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, o tlaa mpolokela go nkisa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo; yo kgalalelo e ka kang ya nna go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
Ditumediso tsa bofelo19 Dumedisa Perisila le Akwila, le ntlo ya ga Onesiforo.
20 Eraseto o fitlhile a nna mo Korinthe, mme Terofimo ke mo tlogetse kwa Mileto a lwala.
21O tlo o leke thata go raka mariga ka go tla. Eubulo o a go dumedisa, le Putense, le Lino, le Kelaudia, le bakaulengwe botlhe.
22A Morena a nne le mowa wa gago. A tshegofatso e nne le lona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.