ISAIA 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 Ponatshegelo ya ga Isaia morwa Amose, e o e bonyeng ka ga Juta le Jerusalema mo metlheng ya ga Usia, le Jothame, le Ahase, le Hesekia, dikgosi tsa Juta.

Modimo o kgalemela batho ba one ka ga boleo

2Utlwang lona magodimo, o sekege tsebe, wena lefatshe, gonne Jehofa o buile, a re: “Ke otlile ke godisitse bana, mme ba ntsuololetse.

3Kgomo yone, e itse morui wa yone le esela e itse golo mo e felwang ke mong wa yone teng; mme Iseraele ene ga a itse, batho ba me ga ba gopole.”

4A morafe wa boleo! A tšhaba e e koegetsweng ke mekgweleo ya boikepo! A losika lwa badira bosula! A bana ba ba dirang ka mokgwa o o bodileng! Ba latlhile Jehofa, ba nyaditse Moitshepi wa Iseraele, ba itshemile dilalo, ba boetse kwa morago.

5Ana lo sa ntse lo ratelang go ditewa, ka e le fa lo rukhutlha bogolo bogolo? Tlhogo yotlhe e botlhoko, le pelo yotlhe e a idibala.

6Go simologa ka pato ya lonao go ya kwa tlhogong, ga go na boitekanelo bope mo go one; fa e se matsankotsanko fela, le dingalo, le dintho tse di tutetseng; ga di a tamolwa, le fa e le go fapiwa, le fa e le go ngodisiwa ka lookwane.

7Lefatshe la lona le swafetse, metse ya lona e fisitswe ka molelo; maota a lona baeng ba a ja lo ba lebile ka matlho, mme go swafetse jaaka mo go gokgodisitsweng ke baeng.

8Morwadia Sione o tlogetswe jaaka loobo mo tshimong ya mafine, jaaka mogope mo lotlhagareng lwa makatane, jaaka motse o o dikilweng ke ntwa.

9 Fa Jehofa wa masomosomo a ne a se ka a re sadisetsa masalela a le mannye, re kabo re ntse jaaka Sotoma, re kabo re tshwana le Gomora.

10Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona balaodi ba Sotoma; sekegelang molao wa Modimo wa rona tsebe, lona batho ba Gomora.

11 “Ana bontsi jwa ditlhabelo tsa lona di a bo di kaya eng mo go nna?” Go bua Jehofa. “Ke tletswe ke ditshupelo tse di fisiwang tsa diphelefu, le mafura a dikgomo tse di nontshitsweng, mme ga ke natefelwe ke madi a dipholo, le fa e le a dikwanyana, le fa e le a diphoko.

12Ya re fa lo tla go bonala fa pele ga me, ke mang yo o lopileng se mo seatleng sa lona, gore lo gatake malwapa a me?

13Lo se ka lwa tlhola lo tlisa diromololo tsa boithamako; maswalo ke makgapha mo go nna; kilelo ya kgwedi le sabata, le go bidiwa ga diphuthego; ga ke na go itshokela boikepo le phuthego e e masisi.

14Mowa wa me o ila go rogwa ga dikgwedi tsa lona; le mediro ya lona e e laotsweng; ke letshwenyo mo go nna; ke lapile go di rwala.

15“E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa; diatla tsa lona di tladikilwe madi thata.

16Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula.

17Ithuteng go dira sentle; batlang katlholo, siamisetsang bapatikwi, atlholelang masiela, sekelang mosadi wa motlholagadi.

18“Ntlong jaana, a re ganetsanyeng mmogo.” go bua Jehofa: “Le fa dibe tsa lona di hubitse bohibidu jo bo letlhololo, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko; le fa di le bohibidu jo bo mokgona, di tlaa nna jaaka bobowa jwa nku.

19Fa lo etleetsegile lo le kutlo, lo tlaa ja molemo wa lefatshe;

20mme fa lo gana, lo tsuolola, lo tlaa jewa ka tšhaka;” gonne molomo wa Morena o go boletse.

Motse o o boleo

21Ana motse o o boikanngo o fetogile o ntse seaka jang! Ona o o nong o tletse katlholo! Tshiamo e ne e ntse mo go one, mme jaanong go na le babolai ba batho fela.

22Selefera sa gago se fetogile manyelo; bojalwa jwa gago jwa mofine bo tlhakanye le metsi.

23Dikgosana tsa gago di a rukhutlha, ke dilekane tsa magodu; nngwe le nngwe ya tsone e rata dineo, di latelela dituelo; ga di atlholele masiela, le gone kgang ya mosadi wa motlholagadi ga e fitlhe kwa go tsone.

24Ke gone ka moo, go bua Morena, Jehofa wa masomosomo, Mothata wa Iseraele, a re: “Ahe! Ke tlaa inaya lobaka mo baganetsing ba me, ke tlaa itefeletsa mo babeng ba me.

25Ke tlaa busetsa seatla sa me kwa go wena, mme ke tlaa tlhapisetsa ruri manyelo a gago, ke ba ke tlosa botlhakano jotlhe jwa gago.

26Ke tlaa rebola baatlhodi ba gago, ba nna jaaka ga ntlha, le bagakolodi ba gago jaaka mo tshimologong; morago ga mo, o tlaa bidiwa Motse wa Tshiamo, motse wa boikanngo.”

27Sione o tlaa rekololwa ka katlholo, le ba one ba ba boang ka tshiamo.

28Mme tshenyego ya batlodi le ya baleofi e tlaa nna mmogo, le ba ba latlhang Jehofa ba tlaa nyelediwa.

29Gonne ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka maoka a lo a eleditseng; lo tlaa sosobaganngwa ka ntlha ya masimo a lo a itshenketseng.

30Gonne lo tlaa nna jaaka mooka o lekakaba la one le swabang, le jaaka tshimo e e se nang metsi.

31Mme mothata o tlaa nna jaaka leodi, le tiro ya gagwe jaaka tlhase; mme go tlaa ša mmogo ka bobedi, mme ope ga a ketla a go tima.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help