PESALEMA 37 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go tlhoka pabalesego ga badirabosulaPesalema ya ga Dafite.

1O se ka wa itshwenya

ka ga badirabosula;

le gone o se ka wa nna pelotshetlha

ka ga ba ba dirang tshiamololo.

2Gonne ba tlaa akofa ba segwa

jaaka bojang, ba tlaa swaba

jaaka morogo o motala.

3Ikanye Jehofa, o bo o dire molemo;

aga mo lefatsheng

o latelele boikanngo.

4Le gone o inatefise mo go Jehofa;

mme o tlaa go naya dikeletso

tsa pelo ya gago.

5Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa;

o bo o mo ikanye

mme, o tlaa go dirafatsa.

6O tlaa dira gore tshiamo ya gago

e tswe jaaka lesedi,

le katlholo ya gago

jaaka motshegare.

7Itapolose mo go Jehofa,

o mo lebelele ka pelotelele;

o se ka wa itshwenya

ka ga yo o segofalang

mo tseleng ya gagwe;

ka ntlha ya monna

yo o dirafatsang maano a a bosula.

8Bakela bogale, o lese kgakalo;

o se ka wa itshwenya,

ka go itshwenya

go tle go ise kwa bosuleng.

9Gonne badirabosula

ba tlaa kgaolwa;

mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa

ba tlaa rua lefatshe.

10Gonne e tlaa re kwa pelenyana,

moikepi a bo a sa tlhole a le gone.

Ee, o tlaa sekaseka felo ga gagwe

ka tlhoafalo,

mme ene o tlaa ba a seyo.

11 Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe;

ba tlaa inatefisa

mo letlotlong la kagiso.

12Moikepi o logela mosiami maano,

mme o mo šenele meno.

13Morena o tlaa mo tshega,

ka a bona fa letsatsi la gagwe

le atamela.

14Baikepi ba somotse tšhaka,

ba bile ba obile bora jwa bone;

go tla ba diga bahumanegi

le batlhoki le go bolaya

ba ba mokgwa o o lolameng.

15Tšhaka ya bone e tlaa tsena

mo pelong tsa bone ka bosi,

mara a bone le one a tlaa rojwa.

16Bonnye jo mosiami o nang najo

bo molemo bogolo go matlotlo

a baikepi ba le bantsi.

17Gonne mabogo a baikepi

a tlaa rojwa;

mme Jehofa o tshegeditse basiami.

18Jehofa o itse malatsi a baitekanedi;

boswa jwa bone

bo tlaa nna ka bosakhutleng.

19Ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong

mo motlheng wa bosula;

mo metlheng ya moswele

ba tlaa kgora.

20Baikepi ba tlaa nyelela;

baba ba ga Jehofa

ba tlaa nna jaaka monono

wa mafulo a dikgomo;

ba tlaa fela;

ba tlaa fela ba kua mosi fela.

21Moikepi o tle a adime,

mme a se ke a buse;

mme mosiami o dira ka pelotshweu,

a neye fela.

22Gonne ba ba segofadiwang ke ene,

ba tlaa rua lefatshe;

mme ba ba hutsiwang ke ene,

ba tlaa kgaolwa.

23Ditsamao tsa motho

di tlhomamisiwa ke Jehofa;

mme o natefelwa ke tsela ya gagwe.

24Le fa a wa,

ga a ketla a batanyetsegela ruri;

ka gobo Jehofa o mo tshegeditse

ka seatla sa gagwe.

25Nkile ka ne ke le lekau

mme jaana ke tsofetse;

le fa go ntse jalo

ga ke ise nke ke bone mosiami

a latlhilwe, le fa e le bana

ba gagwe ba legalegela dijo.

26Ka letsatsi lotlhe

o tlhola a dira ka pelotshweu,

a adime, mme losika lwa gagwe

lo segofale.

27Tlogela bosula, o dire molemo;

mme o nne ka bosaengkae.

28Gonne Jehofa o rata katlholo;

ga a latlhe baitshepi ba gagwe;

ba tlamelwa ka bosenabokhutlo;

losika lwa baikepi lo tlaa kgaolwa.

29Basiami ba tlaa rua lefatshe,

ba tlaa aga mo go lone

ka bosakhutleng.

30Molomo wa mosiami o bua

ka ga botlhale,

le loleme lwa gagwe

lo bua se se siamisang.

31Molao wa Modimo wa gagwe

o mo pelong ya gagwe;

ga go dikgato dipe tsa gagwe

tse di tlaa relelang.

32Moikepi o ikwaetse mosiami,

o batla go mmolaya.

33Jehofa ga a ketla a mo lesa

mo seatleng sa gagwe,

le fa e le go mo sekisa

mogang o atlholwang.

34Lebelela mo go Jehofa,

o bo o tshware tsela ya gagwe,

mme o tlaa go goletsa

go tla o rua lefatshe;

e tlaa re mogang baikepi ba

kgaolwang, o tlaa go bona.

35Ke bonye moikepi

a na le thata e kgolo,

a inamisa jaaka setlhare se setala

se le mo mmung wa sone

wa tlholego.

36Mongwe a feta,

mme bonang, o ne a seyo;

ee, ka mo senka,

mme o ne a se kake a bonwa.

37Lepa moitekanedi,

o lebe mothokgami;

gonne bokhutlo jwa motho yoo

ke kagiso.

38Ka ga batlodi,

ba tlaa senngwa mmogo;

bokhutlo jwa baikepi

ba tlaa kgaolwa.

39Poloko ya basiami

e tswa mo go Jehofa;

ke ene kago ya bone e e thata

ya phemelo

mo motlheng wa khuduego.

40Jehofa o a ba thusa,

o a ba falodisa;

o ba falodisa mo baikeping,

a ba boloke,

ka gobo ba tshabetse mo go ene.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help