JOBE 28 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalalelo go Modimo

1“Ruri go na le motlobo

wa selefera,

le felo ga gouta e ba e itshekisang.

2Tshipi e ntshiwa mo mmung,

le kgotlho e ntshiwa mo boraleng

ka go tlhapolosiwa.

3Motho o anola lefifi, a kheleisetse

kwa molelwaneng wa bofelo,

a senka maje a lefifi le lentsho

le a moriti wa loso.

4Ba tle ba phunyetse morafo kgakala

le kwa batho ba ntseng gone;

ba lebalwe ke lonao lwa mofeti,

ba lepelele ba le kgakala le batho,

ba akgaakgegele kwa le kwa.

5Ka ga lefatshe

dijo di tswa mo go lone;

le huhumelwe le pitikololwe

jaaka ekete ka molelo.

6Maje a lone

ke felo ga majana a disafira,

mme go bapalwe dikgolokwe

tsa gouta.

7Tsela eo ga e itsiwe ke letlaka lepe,

le leitlho la malelakokwane

ga le ise le e bone;

8dibatana tse di kokorogang

ga di ise di e gate,

le tau e e bogale

ga e ise e fete ka gone.

9O ntshetsa seatla

mo lefikeng le le legweka;

a pitikolole dithaba kwa meding.

10A arole mesima mo gare ga mafika,

leitlho la gagwe le bone sengwe

le sengwe se se tlhokegang.

11O thiba dikelelo gore di se rothe;

se se subegileng

a se ntshetse kwa leseding.

12Ana mme botlhale jone

bo tlaa bonwa kae?

Le felo ga tlhaloganyo ke kae?

13Motho ga a itse tlhwatlhwa ya lone,

le gone ga bo bonwe

mo lefatsheng la batshedi.

14Boteng bo a re:

‘Ga bo yo mo go nna:’

lewatle le a re: ‘Ga ke na najo.’

15Ga bo kake jwa bonwa ka gouta

le gone selefera

ga se ketla se lekanyediwa

tlhwatlhwa ya lone.

16Ga bo kake jwa kaelwa tlhwatlhwa

ka gouta ya Ofire,

le fa e le ka šohama e e tlhokegang,

kgotsa ka safire.

17Gouta le galase

ga di kake tsa bo lekana;

le gone dilo tse di tlaa bo ananyang

e tlaa bo e se mekgabo

ya gouta e e itshekileng.

18Korale le legakwa

ga di ketla di umakwa;

ee, tlhwatlhwa ya botlhale

e feta ya borube.

19Topase ya Ethiopia

ga e ketla e bo lekana,

le gone ga bo ketla bo lekanngwa

tlhwatlhwa

ka gouta e e itshekileng.

20Mme e le foo botlhale bo tswa kae?

Le felo ga tlhaloganyo ke kae?

21Etswe bo subetswe matlho

a batshedi botlhe,

bo bipetswe dinonyane tsa loapi.

22Molete wa Tshenyegelo le Loso

ba re: ‘Re utlwile

tumedi ya jone ka ditsebe.’

23Modimo o tlhalogantse tsela

ya jone, o itse bonno jwa jone.

24Gonne o lebile kwa dikhutlong

tsa lefatshe, o bona

fa tlase ga legodimo lotlhe fela;

25go direla phefo selekanyo sa bokete;

ee, o lekanya metsi ka selekanyo.

26E rile o direla pula molao,

le logadima lwa maru tsela;

27foo wa bo bona, wa bo kakanya;

wa bo tlhomamisa,

ee, wa bo tlhotlhomisa.

28 Wa raya motho wa re:

‘Bona, go boifa Morena

ke jone botlhale;

le go kgaogana le bosula

ke yone tlhaloganyo.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help