PESALEMA 63 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go tlhologelelwa ModimoPesalema ya ga Dafite, ya fale fa a le mo nageng ya Juta.

1Modimo, o Modimo wa me;

ke tlaa go batla go sa le gale;

mowa wa me o go nyoretswe,

nama ya me e go tlhologeletswe,

mo lefatsheng la lokgere

lo lo lapisang,

kwa metsi a seong gone.

2Ke go lebile jalo

mo felong ga boitshepo,

go bona thata ya gago

le kgalalelo ya gago.

3Gonne bopelonomi jwa gago

jwa lorato

bo molemo bogolo go botshelo;

dipounama tsa me di tlaa go baka.

4Jalo ke tlaa go baka

ka ke sa ntse ke tshedile;

ke tlaa tsholetsa mabogo a me

mo ineng la gago.

5Mowa wa me o tlaa kgora

jaaka fa go jelwe mmoko le monono;

molomo wa me o tlaa go baka

ka dipounama tse di itumelang;

6mogang ke go gakologelwang

ke le mo bolaong jwa me,

mme ke go akanya

mo ditisong tsa bosigo.

7Gonne o ntse o le thuso ya me;

mme ke tlaa itumela

mo moriting wa diphuka tsa gago.

8Mowa wa me o go latela ka thata;

seatla sa gago se se siameng

se ntshegeditse.

9Mme ba ba tsomang mowa wa me

go o senya,

ba tlaa ya mo mafelong a lefatshe

a a kwa tlase.

10Ba tlaa neelwa

mo thateng ya tšhaka;

ba tlaa nna seabe sa diphokoje.

11Kgosi e tlaa itumela mo Modimong;

mongwe le mongwe yo o ikanang ka

one o tlaa ja koma;

gonne molomo wa ba ba buang

maaka o tlaa thijwa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help