TSHENOLO 9 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Moengele wa botlhano a letsa, mme ka bona naledi e wetse fa fatshe e tswa legodimong; mme a newa sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso.

2 Mme a bula molete o o se nang bolekeletso; mme ga tlhatloga mosi mo moleteng, o etsa mosi wa leubelo le letona, letsatsi la fifala le loapi, ka ntlha ya mosi wa molete.

3 Ya re mo mosing ga tswela tsie mo lefatsheng; ya newa thata, jaaka diphepheng tsa lefatshe di na le thata.

4 Mme ya rewa ga twe, e se ka ya tlhokofatsa bojang jwa lefatshe, le fa e le sepe se setala, le fa e le setlhare sepe, fa e se batho ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone ba le bosi fela.

5Ya laiwa gore e se ka ya ba bolaya, e le gore ba utlwisiwe botlhoko ka dikgwedi di le tlhano; mme botlhoko jwa yone tsie jwa bo bo ntse jaaka botlhoko jwa phepheng fa e tlhaba motho.

6 Mo metlheng eo batho ba tlaa senka loso, mme ba se ketla ba lo bona gope; ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo ba tshabe.

7 Popego ya tsie ya bo e tshwana jaaka ya dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa; mo tlhogong tsa yone ga bo go le jaaka e kete dirwalo tse di tshwanang le gouta, sefatlhogo sa yone sa bo se ntse jaaka e kete sefatlhogo sa motho.

8 Ya bo e na le moriri o o ntseng jaaka moriri wa basadi, meno a yone a ntse jaaka meno a ditau.

9 Ya bo e na le diiphemelo sehubeng, e kete dimatla tsa tshipi, mme mosumo wa diphuka tsa yone wa bo o etsa modumo wa dikara, le wa dipitse di le dintsi fa di sianela mo ntweng.

10E na le megatla e e ntseng jaaka ya diphepheng, le dipolela; mme thata ya go utlwisa batho botlhoko ka dikgwedi di le tlhano e mo megatleng ya yone.

11Kgosi ya yone e e e laolang ke moengele wa molete o o se nang bolekeletso; leina la yone ka Sehebere ke Abatone, mo puong ya Segerika o na le leina ga twe, Apolione.

12Tatlhego ya ntlha e fetile; bonang go sa ntse go tla ditatlhego di le pedi kwa morago.

13 Moengele wa borataro a letsa, mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tsa sebeso sa gouta se se fa pele ga Modimo.

14Mongwe a raya moengele wa borataro yo o tshotseng lonaka, a re: “Golola baengele ba bane ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Euferatese.”

15Mme baengele ba bane ba gololwa, ba ba neng ba baakanyeditswe e e leng yone nako, le letsatsi le kgwedi, le ngwaga, gore ba bolaye ntlha ya seraro ya batho.

16Palo ya dintwa tsa bapagami e ne e le didikadike di le 200; ka utlwa palo ya bone.

17Dipitse ka di bona jalo mo ponatshegelong, le ba ba di pagameng, ba na le diiphemelo dihubeng tse dikhibidu, le bodududu, le bosetlha; mme ditlhogo tsa dipitse tsa bo di ntse jaaka ditlhogo tsa ditau; go tswa mo ganong la tsone molelo, le mosi, le sulefura.

18Ntlha ya seraro ya batho ya bolawa ke dipetso tse tharo tse di tswang mo ganong la tsone, e bong molelo, le mosi, le sulefura.

19Gonne thata ya dipitse tse, e mo ganong la tsone, le mo megatleng ya tsone; gonne megatla ya tsone e tshwana le dinoga, e na le ditlhogo; mme di utlwisa botlhoko ka tsone.

20 Mme ba ba setseng ba losika lwa batho, ba ba se kang ba bolawa ke dipetso tse, ga ba a ka ba ikwatlhaela ditiro tsa diatla tsa bone, le fa e le go khutla go obamela badimo le medimo ya disetwa ya gouta, le ya selefera, le ya kgotlho, le ya lentswe, le ya logong; e le dilo tse di sa ka keng tsa bona, le fa e le go utlwa, le fa e le go tsamaya:

21Le gone ga ba a ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone, le fa e le boloi jwa bone, le fa e le kgokafalo ya bone, le fa e le bogodu jwa bone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help