1 Jaana Jehofa a raya Aberame a re: “Tloga, o tswe mo lefatsheng la gaeno, le mo go bagaeno, le mo ntlong ya ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tlaa le go supetsang.
2Ke tlaa dira morafe o mogolo ka wena; ke tlaa go segofatsa, ke dira leina la gago le nna legolo, gore wena o nne tshegofatso.
3 “Le gone ke tlaa segofatsa
bone ba ba go segofatsang,
le ene yo o go hutsang
ke tlaa mo hutsa.
Mo go wena,
ditshika tsotlhe tsa lefatshe
di tlaa segofala.”
4Jalo Aberame a tsamaya jaaka Jehofa a ne a buile nae; le Lote a ya nae. Aberame a bo a le dinyaga di le 75 fa a tloga mo Harane.
5Aberame a tsaya Sarai mosadi wa gagwe, le Lote morwa monnawe, le thoto ya bone yotlhe fela e ba neng ba e bapetse, le batho ba ba ba bonyeng mo Harane; ba tswa ba tsamaela kwa lefatsheng la Kanana, ba fitlha mo lefatsheng la Kanana.
6Aberame a ralala lefatshe a tla a fitlha kwa felong ga Šhekeme, a tla mo mookeng wa ga More. Mokanana a bo a le mo lefatsheng ka lobaka loo.
7 Jehofa a bonala kwa go Aberame, a re: “Lefatshe le, ke tlaa le naya losika lwa gago.” Jaana a agela Jehofa yo o bonetseng kwa go ene sebeso gone.
8A huduga gone, a ya kwa thabeng e e potileng Bethele ntlheng ya botlhabatsatsi, a tlhoma mogope wa gagwe, a potilwe ke Bethele ka fa bophirimatsatsi, le ke Ai ka fa botlhabatsatsi. A agela Jehofa sebeso gone, a bitsa leina le Jehofa.
9Aberame a eta, a fela a ntse a tsamaela kwa Borwa.
Aberame a le kwa Egepeto10Ga nna leuba mo lefatsheng. Ke fa Aberame a fologela kwa Egepeto go jaka gone, gonne leuba le ne le le letona mo lefatsheng.
11Mme ga dirala ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sarai mosadi wa gagwe a re: “A o ko o bone jaana, ke a itse fa o le mosadi yo montle go lejwa.
12Go tlaa dirala gore, e re Baegepeto ba go bona ba re: ‘Yo, ke mosadi wa gagwe;’ mme ba tlaa mpolaya, wena ba go lese.
13 Ke a go rapela, o tle o re, o kgaitsadiake, gore go tle go nne molemo mo go nna ka ntlha ya gago, gore mowa wa me o tshele ka wena.”
14Mme ga dirala e rile Aberame a sena go fitlha mo Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi fa a le montle thata.
15Dikgosana tsa ga Faro tsa mmona, tsa mmoka kwa go Faro; mosadi a isiwa mo ntlong ya ga Faro.
16Faro a tshola Aberame sentle ka ntlha ya mosadi. Aberame a amogela dinku, le dikgomo, le diesela tse ditona, le batlhanka, le malata, le diesela tse dinamagadi le dikamela.
17Jehofa a betsa Faro le ntlo ya gagwe ka dipetso tse ditona, ka ntlha ya ga Sarai, mogatsa Aberame.
18Ke fa Faro a bitsa Aberame a re: “Ana se o se ntiretseng ke eng? O ne o sa mpoleleleng fa e le mosadi wa gago?
19O ne o buelang o re ke kgaitsadio? Ke ba ke ka mo tsaya ke re o tlaa nna mosadi wa me. Ke gone jaana, bona mosadi wa gago ke yo, mo tseye, o tsamaye.”
20Faro a laela banna bangwe ka ga gagwe, ba mmuledisa, le mosadi wa gagwe, le tsotlhe tse a nang natso.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.