1Jaana Bafilisitia ba phuthela dintwa tsotlhe tsa bone kwa Afeke; Baiseraele ba thibelela fa motsweding o o mo Jesereele.
2Barena ba Bafilisitia ba feta ka ba makgolo, le ka ba makgolo a masome; Dafite le banna ba gagwe ba feta ba le mo tshimegeng ba na le Akiše.
3Foo dikgosana tsa Bafilisitia tsa re: “Ana Bahebere ba, ba dirang fano?” Akiše a raya dikgosana tsa Bafilisitia a re: “A yo ga se Dafite, motlhanka wa ga Saule kgosi ya Iseraele, yo ke ntseng ke na nae malatsi a, kgotsa dinyaga tse, mme e sa le jaaka a thobela kwa go nna le gompieno, ga ke ise ke bone molato ope mo go ene.”
4Mme dikgosana tsa Bafilisitia tsa nna bogale thata nae; dikgosana tsa Bafilisitia tsa mo raya tsa re: “Busa monna yo, gore a boele kwa felong ga gagwe, kwa o mo laoletseng gone, a se ka a ya le rona tlhabanong, e ka tla ya re mo tlhabanong a nna mmaba wa rona; gonne seapu se se tlaa itetlanya le morena wa sone ka eng? A ga e tlaa bo e le ka ditlhogo tsa batho ba?
5 A yo ga se Dafite yo ba ne ba opelelana ka ga gagwe mo dipineng ba re:
“ ‘Saule o bolaile
ba makgolo a masome ba gagwe,
Dafite o bolaile
ba makgolo a makgolo
ba gagwe’?”
6Foo Akiše a bitsa Dafite, a mo raya a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, o ntse o le tshiamo, go tswa ga gago le go tsena ga gago le nna mo ntweng go molemo mo matlhong a me; gonne e sa le ka o tla mo go nna nako ke eno, ga ke ise ke bone bosula mo go wena; le fa go ntse jalo barena ga ba go lebe sentle.
7Ke gone jaana boa o tsamaye ka kagiso, gore o se itumolole barena ba Bafilisitia.”
8Dafite a raya Akiše a re: “Ke dirileng? O bonye eng mo motlhankeng wa gago ka lobaka lotlhe lo ke ntseng fa pele ga gago ka lone, nako e sa le eno, fa e tlaa bo ne ne fano ke sa ye go tlhabana le baba ba kgosi morena wa me?”
9Akiše a fetola a raya Dafite a re: “Ke a itse fa o le molemo mo matlhong a me, o ntse jaaka moengele mongwe wa Modimo; le fa go ntse jalo dikgosana tsa Bafilisitia di rile: ‘Ga a ye le rona tlhabanong.’
10Ke gone o tle o tsoge ka maphakela le batlhanka ba morena wa gago ba o tsileng nabo; mme e tlaa re lo sena go tsoga ka maphakela, bosa bo sele, lo tsamaye.”
11Jalo Dafite a tsoga ka maphakela, ene le banna ba gagwe, go tla ba tsamaya mo mosong, go boela kwa lefatsheng la Bafilisitia. Bafilisitia ba tlhatlogela kwa Jesereele.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.