PESALEMA 90 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

KGAOGANO 4(DIPESALEMA 90 – 106)Go felelela ga mothoMorapelo wa ga Moše monna wa Modimo.

1Jehofa,

o ntse o le boago jwa rona

mo tshikatshikeng tsotlhe.

2E rile pele, dithaba di ise di tsalwe,

le gone e rile

o ise o bope lefatshe le lobopo,

fela go tswa kwa bosasimologeng

go ya kwa bosakhutleng,

wa bo o ntse o le Modimo fela.

3O a tle o bosetse motho

kwa tshenyegong, mme o re:

“Bowang lona bana ba batho.”

4 Gonne mo matlhong a gago

dinyaga di le makgolo a le some

di ntse jaaka maabane fela

fa a fetile,

le jaaka tiso ya bosigo fela.

5O a tle o ba tlosetse koo

jaaka ekete ka morwalela;

ba ntse jaaka boroko fela;

e re ka moso boo ba ntse jaaka

bojang jo bo golang.

6E re ka moso bo kgabe, bo gole,

e re maitsebowa bo segwe

mme bo omelele.

7Gonne re nyelediwa

mo bogaleng jwa gago,

le mo kgalefong ya gago

re a tlalelwa.

8O beile maikepo a rona

fa pele ga gago,

maleo a rona a a fitlhegileng

o a beile mo leseding

la sefatlhogo sa gago.

9Gonne malatsi otlhe a rona

a fetisiwa mo kgalefong ya gago;

re swetsa dinyaga tsa rona

jaaka polelo e e bolelwang fela.

10Malatsi a dinyaga tsa rona

ke dinyaga di le masome a supa,

gongwe e ka nna dinyaga

di le masome a a ferang mebedi

ka ntlha ya thata;

le fa go ntse jalo,

boipelafatso jwa one

ke tapiso le bohutsana fela,

gonne bo ile ka bofefo,

mme re fofele koo.

11E mang yo o itseng

thata ya bogale jwa gago,

le kgalefo ya gago

ka fa poifong e e go tshwanetseng?

12Jalo o re rute

go bala malatsi a rona,

gore re tle re itseele

pelo ya botlhale.

13Bowa, Jehofa;

e tlaa nna goleele go le kaye?

A ko o ikwatlhaye

ka ga batlhanka ba gago.

14A ko o re kgorise

boutlwelobotlhoko jwa gago

go le ka moso,

gore re tle re itumele,

re ipele ka malatsi otlhe a rona.

15Re ipedise ka fa malatsing

a o re utlwisitseng botlhoko ka one,

le dinyaga tse re bonyeng bosula

mo go tsone.

16A tiro ya gago

e bonalele batlhanka ba gago,

le kgalalelo ya gago

mo baneng ba bone.

17A bontlentle jwa ga Jehofa,

Modimo wa rona,

bo nne mo go rona;

mme o tlhomamise

tiro ya diatla tsa rona mo go rona;

ee, tiro ya diatla tsa rona

o e tlhomamise.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help