PESALEMA 146 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya ditiro tsa ga Jehofa tse di siameng

1Bakang Jehofa,

baka Jehofa,

wena mowa wa me.

2Ke tlaa nna ke baka Jehofa

ke sa ntse ke tshedile;

ke tlaa opelela Modimo wa me

dipako ka ke sa ntse ke leyo.

3Lo se ka lwa ikanya dikgosana,

le fa e le ngwana wa motho yo

go se nang thuso epe mo go ene.

4Mowa wa gagwe o a tswa,

mme a boele mo mmung wa gagwe;

ka letsatsi leo fela

maikaelelo a gagwe a nyelele.

5Go sego ene

yo Modimo wa ga Jakobe e leng

thuso ya gagwe,

yo tsholofelo ya gagwe

e leng mo go Jehofa Modimo

wa gagwe;

6o o dirileng legodimo le lefatshe,

lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone;

o o tshegetsang boammaaruri

ka bosakhutleng;

7O o diraletsang bapatikwi tshiamiso;

o o fang

ba ba bolawang ke tlala dijo;

Jehofa o golola bagolegwi.

8Jehofa o budulola matlho a difofu;

Jehofa o topalatsa ba ba obameng;

Jehofa o rata basiami.

9Jehofa o boloka baeng;

o tshegetsa khutsana

le mosadi wa motlholagadi;

mme tsela ya moikepi a e ribege.

10Jehofa o tlaa busa ka bosakhutleng,

e bong Modimo wa gago Sione,

go ya tshikatshikeng tsotlhe fela.

Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help