ESEKIELE 27 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Selelo ka ga Ture

1Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:

2“Le wena, morwa motho, o tlhabeleletse Ture khutsafalelo;

3o reye Ture o re:

“Ao, wena yo o agileng

fa botsenong jwa lewatle,

yo o leng mmapadisi

wa tlhwatlhwa ya ditšhaba

go e isa ditlhakeng di le dintsi,

Morena Modimo o bua jaana, a re:

Wena Ture, o rile

o itekanetse mo bontleng.

4Melelwane ya gago

e mo pelong ya mawatle,

baagi ba gago

ba itekaneditse bontle jwa gago.

5Ba dirile dimati tsotlhe tsa gago

ka ditlhare tsa mafira

tse di tswang kwa Senire;

ba tshotse masetara kwa Lebanone

go go direla dipinagare tsa mekoro.

6Ba dirile dikankase tsa gago

ka dikgong tsa maoka a Bašane,

ba dirile bogato jwa gago

ka mokuperese o o tswang

ditlhakeng tsa Kitime,

bo gomilwe ka dinaka tsa tlou.

7Letsela la gago la phefo

e ne e le la leloba le le boleta

le le dirilweng marorodi,

le tswa kwa Egepeto,

gore le nne mokgele mo go wena;

tse di bobududu le bohibidu

jo bo mokgona

tse di tswang ditlhakeng tsa Eliša

e le letsela la gago la tsharologo

ya moriti.

8Banni ba Sitone le Arefate

e ne e le bahudui ba mekoro

ya gago;

matlhale a gago, wena Ture

a ne a le mo go wena,

e le bone basimaganyetsi

ba dikepe tsa gago.

9Bagolwane ba Gebale

le matlhale a teng

ba ne ba le mo go wena

bakani ba dikepe:

dikepe tsotlhe tsa lefatshe

di na le batsamaisi ba tsone

di ne di le mo go wena,

di tsile go ananya tlhwatlhwa ya

gago.

10“Ba Peresia le ba Lute le ba Pute ba ne ba le mo mephatong ya gago e le banna ba gago ba ntwa; ba ne ba pega thebe le tlhoro ya phemelo mo go wena; ba bonatsa borena jwa gago.

11Banna ba Arefate ba na le mephato ya gago ba ne ba le mo dithakong tsa gago mo ntlheng tsotlhe, le ba Gamadime ba le mo dikagong tse di godileng tsa gago tsa tlhabanelo, ba pega dithebe tsa bone mo dithakong tsa gago mo ntlheng tsotlhe; ba itekaneditse bontle jwa gago.

12“Ba Tarešiše e ne e le babapaletsi ba gago ba tlhwatlhwa ka ntlha ya bontsi jwa dikhumo dingwe le dingwe; ba bapala dilo tsa gago ka selefera, le tshipi, le boleke le lotwe.

13Ba Jafane, le ba Tubale, le ba Mešeke, e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ba bapatsa batho, le dilwana tsa kgotlho, ba reka tlhwatlhwa ya gago.

14Bone ba ntlo ya Togarema ba ne ba reka dilo tsa gago ka dipitse, le dipitse tsa ntwa, le dimmoulo.

15Banna ba Detane e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ditlhake di le dintsi e ne e le marekelo a seatla sa gago. Ba ne ba go leretse dinaka tsa ditlou le ditlhare tse di logong lo lontsho go ananya ka tsone.

16Ba Siria e ne e le bareki ba dilo tsa gago ka ntlha ya bontsi jwa ditiro tsa seatla sa gago; ba reka dilo tsa gago ka diemerelete le ka bohibidu jo bo mokgona, le ka tiro ya marorodi, le ka leloba le le boleta, le ka korala, le ka majana a mahibitswana.

17Ba Juta, le ba lefatshe la Iseraele, e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ba ne ba reka tlhwatlhwa ya gago ka mabele a makhutshwane a Minithe, ka panaga, ka dinotshe, ka lookwane le ka bolao jwa baleme.

18Ba Damaseko e ne e le bareki ba gago ba tlhwatlhwa ya gago ka bontsi jwa ditiro tsa seatla sa gago, ka ntlha ya bontsi jwa dikhumo tsa mehuta yotlhe; le ka bojalwa jwa mofine jwa Helebone, le ka bobowa jo bosweu.

19Ba Fetane le ba Jafane ba ne ba reka dilo tsa gago ka lodi lwa dikhai; tshipi e e phatsimang, le ditswaiso tsa kasia, le kalamusa, e ne e le dilo tse di mo tlhwatlhweng ya gago.

20Ba Detane e ne e le batho ba ba rekalanang nao ka matsela a a dipeeletso tse di tlhokegang tsa bapalami.

21Ba Arabia, le dikgosana tsotlhe tsa Ketare e ne e le bareki ba tlhwatlhwa ya seatla sa gago; ka dikwanyana, ka diphelefu le ka diphoko, e ne e le bareki ba tlhwatlhwa ya gago ka dilo tseo.

22Bareki ba Sheba le ba Raama e ne e le batho ba ba rekalanang nao; ba reka dilo tsa gago ka ditswaiso tse di tlhophegileng, ka majana a a tlhokegang otlhe le ka gouta.

23Ba Harane, le ba Kane, le ba Etene bareki ba Sheba, le ba Ašure, le ba Kilemate, e ne e le batho ba ba rekalanang nao.

24Bao e ne e le ba ba rekalanang nao ka dilo tse di tlhaolesegileng mo tlhwatlhweng ya gago, e bong dingata tse di sobokantsweng tsa bobududu, dilo tse di dirilweng marorodi, le matlole a diaparo tse di tlhokegang a bofilwe ka thodi, mme a dirilwe ka mosetare.

25 Dikepe tsa Tarešiše e ne e le ditlhopha tsa ditsamaisi tsa dilo tsa gago tsa tlhwatlhwa:

“Mme wa tlalelediwa,

wa dirwa kgalalelo e kgolo

mo pelong ya mawatle.

26Bahudui ba dikepe tsa gago

ba go fitlhisitse

mo metsing a magolo;

phefo ya botlhabatsatsi

e go thubaketse

mo pelong ya mawatle.

27Dikhumo tsa gago

le dithoto tsa gago,

le tlhwatlhwa ya gago,

le batsamaisi ba dikepe tsa gago,

le basimaganyetsi ba dikepe

tsa gago,

le bakani ba dikepe tsa gago,

le baananyi ba tlhwatlhwa ya gago,

le banna botlhe ba ntwa ba gago,

ba ba mo go wena,

ba na le lesomo lotlhe la gago

le le mo gare ga gago,

ba tlaa wela mo pelong

ya mawatle mo motlheng

wa go ropefadiwa ga gago.

28Dintlhana tsa motse di tlaa reketla

ka go goa ga basimaganyetsi

ba dikepe tsa gago.

29Le botlhe ba ba itseng

go tshwara dikankasi,

le batsamaisi ba dikepe,

le basimaganyetsi ba dikepe

mo lewatleng,

ba tlaa fologa mo dikepeng tsa bone,

ba ema fa fatshe.

30Ba tlaa utlwatsa lešalaba la bone,

mo godimo ga gago,

ba tlaa gala mo go botlhoko,

ba tlaa ikubuela lorole

mo tlhogong tsa bone,

ba bidikama mo moloreng.

31Ba tlaa go itšhemolela ditlhogo,

ba ikokwaela ka letsela la kgetse,

ba tlaa go lelela ka bogalaka

jwa mowa ka selelo

se se galakang.

32Mo go goeng ga bone

ba tlaa go tlhabeleletsa khutsafalo,

ba tlaa go hutsafalela,

ba re: ‘E mang

yo o tshwanang le Ture,

yo o tshwanang le ene

yo o didimaditsweng

mo pelong ya lewatle.’

33E rile dithoto tsa gago

di sa tswa mo mawatleng,

wa bo o ne o tlaleletsa

ditšhaba di le dintsi;

wa humisa dikgosi tsa lefatshe

ka bontsi jwa dikhumo tsa gago,

le jwa tlhwatlhwa ya gago.

34E rile mo motlheng

o o thubilweng ka one ke mawatle

mo matengnyeng a metsi,

tlhwatlhwa ya gago,

le lesomo lotlhe la gago

lwa wa mo gare ga gago.

35“Banni botlhe ba ditlhake ba go gakgamaletse le dikgosi tsa bone di a boifa mo go tsitlisang marapo di tlhontse difatlhogo tsa tsone.

36Babapatsi ba ba mo ditšhabeng ba go otsa; o dule theregiso, mme ga o ketla o tlhola o leyo gope.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help