LEFITIKO 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ditshupelo tsa kagisanyo

1“Fa seromololo sa gagwe e le tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, fa a isa ga matlhape le fa e ka nna tona kgotsa e ka nna namagadi, a a e ise e se na bogole fa pele ga Jehofa.

2A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya seromololo sa gagwe a itse go se tlhabela fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, bomorwa Arone, e bong baperesiti, a ba kgatshe madi mo sebesong mo tikologong ya sone.

3A a isetse Jehofa ga tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso se e leng tshupelo e e dirwang ka molelo, lomipi le mahura otlhe a boteng.

4Le diphilo tsoo pedi, le mahura a a mo go tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose.

5Bomorwa Arone a ba di fisetse mo sebesong mo godimo ga tshupelo e e fisiwang, e e mo godimo ga dikgong tse di mo molelong; ke tshupelo e e dirwang ka molelo, e le monko o monate mo go Jehofa.

6“Fa seromololo sa gagwe sa tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, se se isediwang Jehofa, e le sa letsomane, le fa e le tona, le fa e le namagadi, a a se ise se se na bogole.

7Fa a isa kwanyana seromololo sa gagwe, foo a a e ise fa pele ga Jehofa.

8A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya seromololo sa gagwe, a se tlhabe fa pele ga mogope wa bophutegelo; bomorwa Arone ba kgatshe madi a sone mo sebesong mo tikologong ya sone.

9A a isetse Jehofa ga tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, se e leng tshupelo e e dirwang ka molelo; mafura a sone, le mogatla o o mafura o le mmogo a o kgaolele fela fa mankopeng; le lomipi, le mafura otlhe a boteng.

10Le diphilo tse pedi, le matlhaname a tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose.

11Moperesiti a di fisetse mo sebesong; ke dijo tsa tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.

12“Fa seromololo sa gagwe e le podi, foo a a e ise fa pele ga Jehofa;

13a a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya yone, a a e tlhabe fa pele ga mogope wa bophuthegelo; a bomorwa Arone ba kgatshe madi a yone mo sebesong tikologong ya sone.

14Mme a ise ga yone seromololo, e bong tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo; lomipi le mafura otlhe a boteng.

15Le diphilo tsoo pedi, le matlhaname a tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a di tlose.

16Moperesiti a di fisetse mo sebesong; ke dijo tsa tshupelo e e dirwang ka molelo, go nna monko o o monate; mafura otlhe ke a ga Jehofa.

17Mme a e nne molao o o sa khutleng go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona, mo mannong otlhe a lona, gore lo se ka lwa ja mafura, le fa e le madi.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help