JOBE 17 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1“Mowa wa me o fedile,

malatsi a me a timile,

phupu e ntebeletse.

2Ruri ke a bo ke na le basotli,

mme leitlho la me le ntse fela

le lebile kgakatso ya bone.

3“A ko o ntshe peelo jaana,

a ke emelwe ke wena

fa pele ga gago ka wesi;

go na le mang

yo o tlaa opanyang le nna diatla?

4Gonne o subetse pelo ya bone

tlhaloganyo;

ke gone ka moo o se ketlang

o ba goletsa.

5Yo o okang ditsala tsa gagwe

gore di tle di thopiwe,

le e leng matlho a bana ba gagwe

a tlaa kalega.

6“O bile o ntirile setlhaba seane

mo bathong;

ke fetogile ka nna motho

wa sekgwelwa mathe fela.

7Le leitlho la me

le fifaditswe ke bohutsana,

ditokololo tsa me tsotlhe

di ntse jaaka moriti fela.

8Bathokgami ba tlaa gakgamalela se,

le ba ba se nang molato

ba tlaa itlhotlheleletsa

yo o sa reng Modimo sepe.

9Le fa go ntse jalo

motho yo o tshiamo

o tlaa tshegetsa tsela ya gagwe,

le yo o diatla tse dintle

o tlaa nna a thatafala bogolo

bogolo.

10Mme boang lotlhe, lo tle jaana,

mme ga nketla ke fitlhela

motho yo o botlhale mo go lona.

11Malatsi a me a fetile,

maikaelelo a me a robilwe,

e bong megopolo ya pelo ya me.

12Ba fetola bosigo motshegare,

ba re: ‘Lesedi le gaufi le lefifi.’

13Fa ke solofetse go re

Bobipo e tlaa nna ntlo ya me;

fa ke adile sesekamelo sa me

mo lefifing;

14fa ke reile sebodu ka re:

‘Ke wena rre.’ Le seboko ka re:

‘Ke wena mme le kgaitsadiake;’

15foo tsholofelo ya me e bo e le kae?

Ka ga tsholofelo ya me

e mang yo o tlaa e bonang?

16E tlaa fologela kwa mephakalegong

ya Bobipo

mogang go sena go bonwa boikhutso

mo loroleng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help