DUTERONOME 33 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Moše o segofatsa bana ba Iseraele

1E ke yone tshegofatso e Moše monna wa Modimo o ne a segofatsa bana ba Iseraele ka yone, pele ga loso lwa gagwe.

2A re: “Jehofa o ne a tswa kwa Sinai,

a ba tlhabela a tswa mo Seire,

a phatsima a betlama

a le mo thabeng ya Parane,

a bo a tswa mo makgolong

a makgolo mantsi a baitshepi,

ka fa ntlheng ya gagwe

ya letsogo le legolo

ga bo go le molao

o o ba tutumelang molelo.

3Ee, o a di rata ditšhaba,

Baitshepi ba gagwe botlhe

ba mo seatleng sa gago;

ba ne ba dula fa dinaong tsa gago;

mongwe le mongwe

o tlaa amogela mafoko a gago.

4Moše o ne a re laolela molao,

e le boswa jwa phuthego

ya ga Jakobe.

5Ene e ne e le kgosi mo Ješurune,

ka ditlhogo tsa batho di phuthwa,

ditsho tsotlhe tsa Iseraele

di le mmogo.

6A Rubene a tshele a se ka a swa;

le fa go ntse jalo a batho ba gagwe

ba nne babotlana.”

7E ke yone tshegofatso ya ga Juta,

a re: “Jehofa,

utlwa lentswe la ga Juta,

o mo lere mo bathong ba ga gabo;

o ne a itwela ka mabogo a gagwe,

wena o tlaa nna thuso go mo

tlhabantsha le baba ba gagwe.”

8 Ka ga Lefi, a re:

“Thumime wa gago,

le Urime wa gago

ba na le ene yo o mo ratang,

ene yo o ne wa mo leka kwa Masa,

yo o ne wa ganela nae

kwa metsing a Meriba.

9Yo o ne a bua ka ga rraagwe, a re:

‘Ga ke a mmona,’

le ka ga mmaagwe;

le gone ga a ka a re

bomorwa rraagwe ke bomangmang;

le gone ga a ka a itse

ba e leng bana ba gagwe,

gonne ba tlhokometse

lefoko la gago,

ba tshegeditse kgolagano ya gago.

10Ba tlaa ruta Jakobe

dikatlholo tsa gago,

le Iseraele molao wa gago;

ba tlaa baya maswalo

fa pele ga gago,

le tshupelo e e fisiwang

e le mmogo mo sebesong sa gago.

11Jehofa, segofatsa dithoto

tsa gagwe,

o amogele tiro ya diatla tsa gagwe;

ba ba mo tsogologelang

o phololetse lotheka lwa bone,

le lwa ba ba mo ilang,

gore ba se ka ba tlhola ba ema.”

12Ka ga Benjamine, a re:

“Moratwa wa ga Jehofa o tlaa aga

mo polokegong fa go ene;

o tlhola o mmipile motshegare otlhe,

o ntse fa gare ga magetla a gagwe.”

13Ka ga Josefe, a re:

“A lefatshe la gagwe

le segofadiwe ke Jehofa,

ka dilo tse di tlhokegang

tsa legodimo, ka monyo,

le ka boteng jo bo namaletseng

kwa tlase,

14le ka dilo tse di tlhokegang

tsa loungo lwa letsatsi,

ka dilo tse di tlhokegang

tse di golang le dikgwedi,

15le ka dilo tse di tlhophegileng

tsa dithaba tsa bogologolo

jo bo feteletseng,

ka dilo tse di tlhokegang

tsa makhubu a a sa yeng kae.

16Le ka dilo tse di tlhokegang

tsa lefatshe le botlalo jwa lone,

le bopelo e monate jwa gagwe

yo o ne a agile mo setlhareng,

a tshegofatso e tle

mo tlhogong ya ga Josefe,

le mo phogong ya gagwe

yo o ne a lomologanye

le bomorwa rraagwe.

17Leitibolo la kgomo ya pholo

ya gagwe,

borena ke jwa gagwe;

dinaka tsa gagwe

ke dinaka tsa nare;

o tlaa fegolela ka tsone ditšhaba

tsotlhe fela,

e bong dikhutlo tsa lefatshe,

bone ke ba makgolo a makgolo,

a ba ga Eferaime,

le makgolo a makgolo

a ba ga Manase.”

18Ka ga Sebulone, a re:

“Itumele wena Sebulone,

iumele mo go bololeng ga gago;

le wena Isakare

mo megopeng ya gago.

19Ba tlaa biletsa ditšhaba

kwa thabeng;

ba tlaa isa ditlhabelo tsa tshiamo

gone;

gonne ba tlaa anya letlotlo

la mawatle, le mahumo

a a fitlhegileng a mošawa.”

20Ka ga Gate, a re:

“A go segofale

yo o atlhamolosang Gate;

o agile jaaka tau e namagadi,

o gagola letsogo,

ee, le yona phogo.

21Kabelo ya ntlha a e ikgethela,

gonne go ne go beilwe kabelo

ya motlhoma molao gone;

mme a tla le ditlhogo tsa batho

a diratsa tshiamiso ya ga Jehofa,

le dikatlholo tsa gagwe le Iseraele.”

22Ka ga Dane, a re:

“Dane ke ngwana wa tau,

yo o tlolang a tswa kwa Bašane.”

23Ka ga Nafetali, a re:

“Wena Nafetali,

yo o kgotsheng letlhogonolo,

le yo o tletseng tshegofatso

ya ga Jehofa,

o rue ntlha ya bophirimatsatsi

le borwa.”

24Ka ga Ašere, a re:

“A Ašere a segofale ka bana,

a lebosegele bomorwa rraagwe,

a ine lonao lwa gagwe

mo lookwaneng.

25Ditlhako tsa gago

di tlaa nna tshipi le kgotlho; mme

fela jaaka malatsi a gago a ntse,

thata ya gago e tlaa nna fela jalo.

26Ješurune!

ga go ope yo o tshwanang

le Modimo o o palamelang

magodimo go go thusa,

le ka tlotlomalo ya one mo loaping.

27Modimo wa bosakhutleng

ke boago jwa gago

mme ka fa tlase ga mabogo

a a sa yeng kae, o ne wa leleka,

wa kgarametsa mmaba,

fa pele ga gago, a ba a re: Senya.

28Iseraele o agile mo polokegong,

motswedi wa ga Jakobe o osi

mo lefatsheng la mabele

le bojalwa jwa mofine;

ee, magodimo a gagwe

a wa monyo.

29A bo o le sego wena Iseraele!

E mang yo o tshwanang nao,

e le tšhaba e e bolokwang ke Jehofa,

thebe ya thuso ya gago,

yo o bileng a le tšhaka

ya borena jwa gago!

Baba ba gago ba tlaa go ineela;

mme o tlaa gata mafelo

a a tlotlometseng a bone.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help