2 DIKGOSI 19 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgosi Hesekia o kopa kgakololo mo go moperofeti Isaia(Isaia 37:1-7)

1Ga dirala e rile kgosi Hesekia a utlwa, a ikgagola diaparo, a ikhurumetsa ka letsela la kgetsi, mme a ya mo ntlong ya ga Jehofa.

2A roma Eliakime yo o laolang ntlo, le Shebene mokwaledi, le bagolwane ba baperesiti, ba ikhurumeditse ka letsela la kgetsi, ba ya kwa go Isaia moperofeti, morwa Amose.

3Ba mo raya ba re: “Hesekia o bua jaana, a re: ‘Letsatsi leno ke letsatsi la tlalelo, le la kgalemo, le la kgalo; gonne bana ba gaufi le go tsalwa mme ga go na thata ya go belega.

4E tlaa re gongwe Jehofa Modimo wa gago a utlwa mafoko a ga Rabešake, yo kgosi ya Asiria mong wa gagwe o mo romileng, gore a tle go kgoba Modimo o o tshedileng, le go kgalemela mafoko a Jehofa Modimo wa gago o a utlwileng; ke gone o rapelele masalela a a setseng.’ ”

5Batlhanka ba ga Hesekia ba tla kwa go Isaia.

6Mme Isaia a ba raya a re: “Lo tlaa raya mong wa lona jaana, lo re: Jehofa o bua jaana a re: ‘O se ka wa boifa mafoko a o a utlwileng, a batlhanka ba kgosi ya Asiria ba nkgadileng ka one.

7Bona, ke tlaa tsenya mowa mongwe mo go ene, mme o tlaa utlwa tumo nngwe, o tlaa boela lefatsheng la ga gabo; mme ke tlaa mo usa ka tšhaka kwa lefatsheng la ga gabo.’ ”

Baasiria ba romela molaetsa o mongwe wa tlhaselo(Isaia 37:8-20)

8Jalo Rabešake a bowa, a fitlhela kgosi ya Asiria e tlhabana le Libena; gonne o na a utlwile fa a tlogile mo Lakiše.

9Ya re a utlwa go bolelwa ka ga Tirehaka kgosi ya Ethiopia, go twe: “Bona, o bolotse, o tsile go tlhabana nao” a tloga a roma batho gape kwa go Hesekia a re:

10“Lo bue le Hesekia kgosi ya Juta jaana, lo re: A Modimo wa gago o o ikanyang mo go one o se go tsietse, o re: Jerusalema ga o ketla o tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.

11Bona, o utlwile se dikgosi tsa Asiria di se diretseng mafatshe otlhe, ka go a senyetsa ruri; mme a wena o tlaa gololwa?

12A medimo ya merafe e e golotse, e borre ba e sentseng, e bong, Gosane, le Harane le Resife, le bana ba Edene ba ba kileng ba ne ba le mo Telasare?

13Kgosi ya Hamathe e kae, le kgosi ya Arepate, le kgosi ya motse wa Sefarefaime, ya Hena, le ya Ifa?”

14Hesekia a amogela lokwalo mo seatleng sa barongwa, mme a lo bala; Hesekia a ya kwa ntlong ya ga Jehofa, a lo baya fa pele ga Jehofa.

15 Hesekia a rapela fa pele ga Jehofa a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o dutseng gare ga botšheruba, ke wena Modimo, e bong wena wesi wa magosi otlhe a lefatshe; o dirile legodimo le lefatshe.

16A ko o sekege tsebe Jehofa, o utlwe; o tle o buduloge matlho, Jehofa, o bone; o utlwe mafoko a ga Senakeribe, a o mo romileng ka one go tla go kgoba Modimo o o tshedileng.

17Ruri Jehofa, dikgosi tsa Asiria di swafaditse merafe le mafatshe a yone.

18Di bile di latlhetse medimo ya yone mo molelong; gonne e ne e se medimo epe, fa e se tiro ya diatla tsa batho fela, dikgong le maje; ke gone ka fa ba e sentseng ka gone.

19Ke gone jaana, Jehofa Modimo wa rona, ke a go rapela, a ko o re golole mo seatleng sa gagwe gore magosi otlhe a lefatshe a itse fa e le wena Jehofa Modimo, e bong wena wesi.”

Isaia o romela molaetsa kwa go kgosi Hesekia(Isaia 37:21-38)

20Foo Isaia morwa Amose a roma kwa go Hesekia, a re: Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: “E re ka o nthapetse ka ga Senakeribe kgosi ya Asiria, ke go utlwile.

21Le, ke lefoko le Jehofa o le buileng ka ga gagwe, a re:

“Morwadia Sione wa kgarebana

o go nyaditse,

a go tshega ka tshotlo;

morwadia Jerusalema

o go thukhuthetse tlhogo.

22Ana o kgobile mang,

wa kgala mang?

O tsholeleditse mang lentswe,

wa lebisa matlho a gago

ka lokubana kwa go mang?

Ke Moitshepi wa Iseraele fela.

23O kgobile Jehofa

ka barongwi ba gago,

o rile: ‘Ke tlhatlogetse kwa

ditlhoreng tsa dithaba

ka bontsi jwa dikara tsa me,

kwa tengteng ga Lebanone;

wa re: Ke tlaa rema

masetara a gone a a godileng,

le ditlhare tsa mafira

tse di tlhophegileng tsa gone;

ke tlaa tsena kwa botlholeng

jwa gagwe

jo bo kwa kgakalakgakala,

e bong sekgwa sa lotlhagare

lwa gagwe lo lo ungwang.

24Wa re: Ke epile

ke nole metsi a seeng,

ke tlaa tšhesa dinoka tsotlhe

tsa Egepeto

ka sebete sa lonao lwa me.’

25A ga o a utlwa fa nna

ke sa le ke go dira bogologolo,

nna ka go bopa

mo metlheng ya bogologolo?

Jaana ke go dirafaditse,

gore wena o tle o nne motho wa go

swafatsa metse e e thekeleditsweng

le go dira mekoa ya marope fela.

26Ke gone ka moo banni ba yone

ba ne ba le thata e potlana,

ba boifa, ba tlhakana tlhogo;

ba ne ba ntse jaaka bojang jwa naga,

le jaaka morogo o motala,

jaaka bojang mo ditlhoreng tsa

matlo, le jaaka mabele

a a tshubegileng a ise a gole.

27Ke a go itse:

go dula ga gago,

le go tswa ga gago,

le go tsena ga gago,

le go ntšhakgalela ga gago.

28Ka ntlha ya go ntšhakgalela ga gago,

le ka gonne boitelaganyo jwa gago

bo tsile go ntsena mo ditsebeng,

ke gone ke tlaa go tsenyang

kgoge ya me mo nkong,

le mogolaseto wa me

mo ganong la gago,

ke tlaa go busa

ka tsela e o tsileng ka yone.

29“Se e tlaa nna sekao mo go wena:

Monongwaga lo tlaa ja maijadi fela,

le ka ngwaga wa bobedi

lo tlaa ja matshwabudu a one;

ka ngwaga wa boraro lo jale,

lo robe, lo tlhome masimo a mafine,

mme lo je muango a one.

30Masalela a a falotseng

a ntlo ya ga Juta,

a tlaa melela kwa tlase,

a ungwela godimo.

31Gonne masalela

a tlaa tswa mo Jerusalema,

le mo thabaneng ya Sione,

go tlaa tswa ba ba tlaa falolang;

tlhoafalo ya ga Jehofa

e tlaa dira seo se.

32“Ka ntlha ya gone moo, Jehofa o bua jaana ka ga kgosi ya Asiria, a re:

“ ‘Ga a ketla a tla mo motseng o,

le fa e le go hulela motswi gone,

le gone ga a ketla a tla

fa pele ga one ka thebe,

le fa e le go o tsosetsa lomota.

33O tlaa boa ka tsela

e o tsileng ka yone,

mme ga a ketla a tla mo motseng o,

go bua Jehofa.

34Gonne ke tlaa tlhabanela motse o

go o boloka, ka ntlha ya me,

le ka ntlha ya

motlhanka wa me Dafite.’ ”

35Ga dirala, ya re bosigo joo, moengele wa ga Jehofa a tswa, a tsena bothibelelong jwa Baasiria, a gaila batho ba le 185 000; ya re batho ba phakela ka moso, bonang, ba bo ba le ditoto botlhe fela.

36Senakeribe kgosi ya Asiria a tloga, a boa, mme a nna mo Ninife.

37Ga dirala, ya re a sa ntse a obame mo ntlong ya ga Niseroke modimo wa gagwe, Aterameleke le Sharesere ba mmolaya ka tšhaka; ba falolela kwa lefatsheng la Ararate. Esare-hatone morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help