PESALEMA 40 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya kgololoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1Ke ne ka lebelela Jehofa

ka pelotelele;

a itshekegela kwa go nna,

a utlwa go gowa ga me.

2Le gone a ntlhatlosa

mo mokoleng o o boitshegang,

le mo seretseng se se maragaraga;

a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng,

a ba a tlhomamisa

ditsamao tsa me.

3O tsentse sefela se seša

mo molomong wa me,

e bong pako ya Modimo wa rona;

batho bantsi ba tlaa go bona,

ba boifa,

mme ba tlaa ikanya Jehofa.

4Go sego monna yo o kgantshang

Jehofa; mme a sa tlhokomele

ba ba ikgodisang,

le fa e le ba ba fapogelang

kwa maakeng.

5Jehofa Modimo wa me,

di dintsi ditiro tsa gago

tse di gakgamatsang,

tse o di dirileng,

le megopolo ya gago

e e kwano go rona;

ga o ka ke wa di rulaganyediwa;

fa ke rata go di bolela,

le go bua ka ga tsone,

di feta mo go ka balwang.

6 Ga o na kgatlhego mo setlhabelong

le mo tshupelong;

ditsebe tsa me o di kabolotse;

tshupelo e e fisiwang,

le tshupelelo ya boleo

ga o a ka wa di lopa.

7Foo ka re: “Bona ke tsile;

mo momenaganong wa lokwalo

go kwadilwe ka ga me ga twe:

8Ke itumela thata

go dira go rata ga gago,

Modimo wa me;

ee, molao wa gago

o mo teng ga pelo ya me.”

9Ke boletse tshiamo

mo phuthegong e kgolo;

bona, ga nketla ke thiba dipounama

tsa me, Jehofa, o a itse.

10Ga ke a fitlha tshiamo ya gago

mo teng ga pelo ya me;

ke boletse boikanngo jwa gago

le poloka ya gago;

ga ke a lobela phuthego e kgolo

bopelonomi jwa gago jwa lorato

le boammaaruri jwa gago.

11O se ka wa ntlhokisa

mapelonamagadi a gago Jehofa;

a bopelonomi jwa gago jwa lorato

le boammaaruri jwa gago

bo ntlamele ka gale le gale.

12Gonne masula a a se nang palo

a ntsentse gare;

maikepo a me a tsile go ntshwara,

ke bile ke retelelwa ke go lelala;

a mantsi bogolo go feta palo

ya meriri ya tlhogo ya me,

mme pelo ya me a mpheletse.

Thapelo ya go kopa thuso

13A go go kgatlhe Jehofa go nkgolola;

tswee, o itlhaganele go nthusa

Jehofa.

14Ba ba tsomang mowa wa me

go o senya

a ba tlhajwe ke ditlhong

ba tseanngwe mmogo;

ba ba itumelang thata

ka go utlwa botlhoko ga me

a ba busediwe kwa morago,

ba tlhokisiwe tlotlo.

15Ba ba nthayang ba re: “Ahe! Ahe!”

A ba swafale ka ntlha ya

go tlhabisiwa ditlhong ga bone.

16A botlhe ba ba go batlang

ba itumele,

ba ipele mo go wena;

a ba ba ratang poloka ya gago

ba bue ka go tlhoka go khutla ba re:

“A Jehofa a godisiwe.”

17Nna ke lehuma, ke a tlhoka;

le fa go ntse jalo, Morena o a

nkgopola; wena o thuso ya me,

le mogolodi wa me;

o se ka wa diega, Modimo wa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help