1E seng rona Jehofa, e seng rona,
mme naya leina la gago kgalalelo
ka ntlha ya kutlwelobotlhoko
ya gago, le ka ntlha ya
boammaaruri jwa gago.
2Ana merafe e tlaa bo e buelang,
e re:
“Ana jaana Modimo wa bone
o a bo o le kae?”
3Modimo wa rona o kwa
magodimong;
o dirile ka fa o ratileng ka gone.
4 Medimo ya bone ya disetwa
ke selefera le gouta,
ke tiro ya diatla tsa batho fela.
5E na le melomo, mme ga e bue;
e na le matlho, mme ga e bone;
6e na le ditsebe, mme ga e utlwe;
e na le dinko, mme ga e dupe;
7e na le diatla, mme ga e tshware;
e na le dinao, mme ga e tsamaye;
le gone
ga e bue ka memetso ya yone.
8Ba ba e dirang
ba tlaa tshwana nayo fela,
ee, le mongwe le mongwe
yo o ikanyang mo go yone.
9Wena Iseraele, o ikanye Jehofa;
ke ene thuso ya bone,
le thebe ya bone.
10Lona ba ntlo ya ga Arone,
ikanyeng Jehofa;
ke ene thuso ya bone,
le thebe ya bone.
11Lona ba lo boifang Jehofa,
ikanyeng Jehofa;
ke ene thuso ya bone,
le thebe ya bone.
12Jehofa o ntse a re gopotse;
o tlaa re segofatsa;
o tlaa segofatsa ntlo ya Iseraele;
o tlaa segofatsa ntlo ya ga Arone.
13 O tlaa segofatsa
ba ba boifang Jehofa,
bannye le bagolo.
14A Jehofa a lo atise segolo bogolo,
lona le bana ba lona.
15Lo segofadiwe ke Jehofa
yo o dirileng legodimo le lefatshe.
16Magodimo ke magodimo
a ga Jehofa; mme lefatshe
o le neile bana ba batho.
17Baswi ga ba bake Jehofa,
le fa e le ope
yo o fologelang mo tuulalong.
18Mme rona re tlaa baka Jehofa,
go tloga fano gompieno
go ya bosakhutleng.
Bakang Jehofa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
